Madziba o itshetsa ka dikiriba
10 Oct 2025
E re le ntswa didirisiwa tsa kago di le dintsi, Mme Sithembinkosi Madziba wa Mbalambi ene o ne a nna le kgatlhego ya go ka dira kiriba.
Mme Madziba wa khamphani ya Tempro Construction and Supplies Pty (ltd) kwa Mbalambi o itshetsa ka go dira didirisiwa tsa tshipi mme a ikaegile thata ka go dira kiriba.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Madziba yo o dingwaga di masome a mane, a tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e simolotse ka ngwaga wa 2023.
A re o simolotse tiro e ya dikiriba morago ga go tsaya loeto go ya Zimbabwe mme a tsena ka madirelo a a dirang dilo tse di mo makaditseng jaaka tsone dikiriba le terata.
O tlhalositse fa a ne a nna le kgatlhego ka fa kiriba e dirwang ka teng.
Mme Madziba a re go simolola tiro e, o ne a kopa rre mongwe gone kwa lefatsheng leo, go tla go mo tataisa go fitlhela a tshwara ka fa kiriba e dirwang ka teng, a kaya fa go sa mo tsaya nako e telele.
A re o ne a simolola tiro ya gagwe ka madi a gagwe, ka e bile a kile a bereka ka ditshipi go le pele.
A re khamphani ya gagwe e dira gape le diforomo, mekoro, ditafole tse di dirisiwang go besa nama le tse dingwe tse di dirang le tshipi.
E re ntswa kgwebo e tsweletse sentle, Mme Madziba o supile fa a na le kgwetlho ya lefelo le a direlang mo go lone a tlatsa ka gore fa a bonang lefelo teng, ditlhwatlhwa tsa go hirisa madirelo di nna kwa godimo mo go felelang go sena dipoelo mo kgwebong.
“Kgwetlho e nngwe ke go tsamaiso dikiriba kwa go ba ba di batlang ka go tlhokega go duela dikoloi tse di anamisang dithoto ka madi a e ka bong e le dipoelo,” ga rialo Mme Madziba.
O ne a tlhalosa gore o bapatsa dithoto tsa gagwe mo maranyaneng le mo ba bareking ka ba tsamaya ba bolelela ba banang le kgatlhego ko ba rekileng teng.
O tlhalositse fa mo sebakeng sa gompieno madirelo a gagwe a santse a thapile babereki ba le ba babedi.
“Fa kgwebo e gola, go ya go tlhokega gore ke oketse badiri ka gore tiro ya go dira kiriba e ntsi fela thata,” ga rialo Mme Madziba.
O e a tswelela a tlhalosa fa a ipela ka dikiriba tsa gagwe ka e le tsa boleng jo bo kwa godimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Masunga
Event : Potsolotso
Date : 10 Oct 2025