Breaking News

Go tshameka go botlhokwa mo baneng

13 Jun 2024

 Go tshameka ke karolo ya botlhokwa mo kgolong ya ngwana ka jaana e ala motheo wa thuto ya botshelo jotlhe, boitshwaro le botsogo.

Moitseanape wa thuto kwa UNICEF, Mme Leseka Mukokomani o buile jaana kwa letsatsing la segopotso sa go tshameka mo Gaborone ka Labobedi. A re go botlhokwa gore ngwana mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore o nna kae le gore ke wa morafe ofe, a nne le sebaka sa go goroga kwa diphitlhelelong tsa botshelo ka go tshameka.

A re bongaka jwa ditshika bo supile gore boboko bo tlhabologa ka bofefo thata ngwana a sale mmotlana, mme e bile boleng jwa tikologo le tse di diragalelang ngwana ka nako e di botlhokwa.

Mme Mukokomani a re go tshameka ke karolo e e botlhokwa ya kgolo, a tshwantshanya sengwe le sengwe se se diragalelang ngwana mo dingwageng tse di kwa tlase go balelwa go tshameka le go ithuta ka go tshameka jaaka ditena tse di agang bokamoso jwa ngwana.

A re go tshameka ga ngwana go botlhokwa ka gore ke motheo wa go ithuta mo go golang le motho. A re ka go tshameka, bana ba nna le go gola tlhaloganyo, mmele, botswerere, go kgona go tshedisanya sentle le ba bangwe le maikutlo a a ritibetseng, dilo tse a reng di botlhokwa mo go fenyekeleleng le go phophoma mo lefatsheng le le sa iketlang le. A re tse ngwana a di itemogelang ka nako eo ke tshimologo ya go sa mo tlhaloganyong go dirisa puo, go tshwara ka tlhogo le go rarabolola marara.

Mme Mukokomani o bile a re go tshameka go nonotsha kamano le maikutlo, a tlatsa ka go re go amana le batlhokomedi, balekane le tikologo mo dingwageng tse di kwa tlase go tlhotlheletsa boitshwaro jwa ngwana, mme a kgone go nna le botsalano jo bo nang le boleng, a laola maikutlo le go nna le mautlwelobotlhoko.

Mme Mukokomani a re UNICEF e ikaeletse go netefatsa gore ngwana mongwe le mongwe o a phophoma, a tlatsa ka go re lekgotla leo le ineetse mo go emeng nokeng mananeo a a tlotlomatsang kgolo ya bana ba bannye ka go tshameka.

Mothusa moemedi wa UNICEF, Mme Alexandra Illmer ene a ne a re letsatsi leo le ne le supa phitlhelelo mo maitekong a a kopanetsweng a go somarela, go tlotlomatsa le go baya kwa pele go tshameka gore bana ba ungwelwe mo go utlwalang ba bo ba kgone go goroga kwa mankalengkaleng. A re go tshameka ga se go fetisa nako fela, mme ke motheo o kgolo e e nitameng e agelwang mo go one.

 Mo godimo ga moo, a re ka go tshameka, bana ba dira kgolagano le ba bangwe e bile ba aga dikitsokitso tsa boeteledipele, ba ithuta go itshoka ba bo ba tsokatsokela le mekonelo ya dikamano le matshelo a batho mo gae ba bo ba fenya tse ba neng ba di boifa.

A re fa bana ba tshameka, ba ikutlwa ba babalesegile e bile ba dirisa go tshameka go tlhaloganye tikologo. A re gape go tshameka go fa bana sebaka sa go ntsha maikutlo le go godisa ditlhaloganyo tsa bone le botswerere gammogo le go akanya mo go tseneletseng mo ba go tlhokang mo botshelong jwa malatsi a jwa seranyane le tlhamo. Mme Illmer a re go tshameka go nonotsha boitshoko, go amogela ba bangwe, go fema diphapang le go aga kagiso. A re  e bile go tshameka go tsentswe mo molaong wa United Nations Convention on the Rights of the Child, Article 31, e e reng go tshameka ke tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe.

A re letsatsi la mafatshefatshe la go tshameka le dira gore ka nako eo go nne le tshwaragano ya lefatshe lotlhe, setshaba sotlhe le merafe tota, a sutisa gore go nne le ditsamaiso, ikatiso, le madi a a ntshediwang gore go tsenngwe go tshameka mo lenaneong la thuto le mo merafeng lefatshe ka bophara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : letsatsing la segopotso

Date : 13 Jun 2024