Breaking News

Mhama wa bodiragatsi o nonotsha itsholelo

12 Jun 2024

Badiragatsi ba gakolotswe go tsaya tiro ya bone ka tlhwaafalo ka e na le bokgoni jwa go tokafatsa matshelo a bone a selegae gammogo le go thusa mo go kabakanyeng itsholelo ya lefatshe.

Se se builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla ka mafelo a beke kwa dikgaisanong   tsa moopelo wa dikhwaere tsa Kgalagadi le Ghanzi tsa go ipatlela phatlha kwa makgaolakgannyeng a dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona.Mme Monnakgotla o ne a tlhalosa fa kgaolo ya bone e segofaditswe ka ditalente di tshwana le meopelo ya dikhwaere, poko ya Setswana, botaki le mmino wa Setswana.

Ka jalo, a re go botlhokwa gore banni ba lemoge ditalente tseo, mme ba di dirise go tlhabolola matshelo a bone a selegae ka jaana letlhoko la ditiro le ba apesitse kobo ka letshoba.

Mme Monnakgotla o rotloeditse  badiragatsi go ipapatsa  mo maranyaneng go bapatsa bodiragatsi jwa bone mono gae le kwa mafatsheng a a kwa moseja go leka go itirela letseno la madi le le botoka.

Mo go tse dingwe, o ne a ba rotloetsa go ititaya ka thupana go netefatsa gore ba diragatsa ka bokgeleke jo bo ka meletswang mathe ke babogedi go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe.

O ba kopile go  tsaya malebela mo setlhopheng sa moopelo sa KTM se a reng se tsweletse ka go dira diaba mo mererong ya kopelo.

Mo mafokong a gagwe, mogolwane go tswa kwa Botswana National Arts Council(BNAC) Rre Tshireletso Modikwa, o tlhalositse fa ba tshwaragane le ba Lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao go ribolola le go godisa talente ya botaki le bodiragatsi mono gae.

A re maikaelelo a lekgotla la BNAC ke go netefatsa gore ba godisa seelo sa mohama wa botaki le bodiragatsi gammogo le go babalela badiragatsi bao.

Rre Modikwa a re ba tsweletse ka go tshwara dikgaisano go ralala lefatshe leno, go leka go fa badiragatsi tshono ya go kopana le go amogana maele a go tokafatsa botaki le bodiragatsi jwa bone go nna jo ba ka gwebang ka jone ka jaana letlhoko la ditiro le sa jese diwelang.

O ne a tlhalosa fa dipatlisiso tsa ba Botswana Institute Development Policy(BIDPA) le Companies and Intellectual Property Authority (CIPA) di supile fa mohama wa bodiragatsi o na le seabe sa 5.46 per cent mo itsholelong ya lefatshe leno.

Ka jalo, a re ba lebanwe ke kgwetlho ya go fetola seelo seo, go ya kwa godimo ka jaana mohama o, o setse o itshupile gore o na le bokgoni mo go kabakanyeng itsholelo.

Rre Modikwa o gwetlhile badiragatsi go tshwaragana le lekalana la BNAC gore ba kgone go bona phitlhelelo ya go godisa serodumo sa botaki le bodiragatsi jwa lefatshe leno.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Basadi Seipone o ne a iteela legofi barulaganyi ba dikgaisano tseo, ka jaana a supa fa di rotloetsa mowa wa tshwaragano le neelano fa gare ga banni ba dikgaolo tse di farologanyeng.

A re gape go thusa le bone bagwebi ka go farologana go bona letseno le le botoka la madi le ka lone ba tla kgonang go godisa dikgwebo tsa bone.

O ne a tlatsa ka go gwetlha banni ba dikgaolo ka go farologana go somarela ditalente tsa bodiragatsi tse metse ya bone e tumileng ka tsone, gore di seka tsa nyelela. 

Dikhwaere di le lesome le bobedi di ne di nkgisanya magwafa go ipatlela phatlha kwa dikgaisanong tsa makgaolakgang. Khwaere ya YDC go tswa Kang e ne ya nna bommampudi ba kgaisano ka 90 per cent, ba latelwa ke Maleka go tswa kwa Hunhukwe ka 83 per cent mme Tsogamaroko go tswa kwa Maubelo ya ikgapela maemo a boraro ka 81 per cent. BOKHUTLO.

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : KANG

Event : Dikgaisano

Date : 12 Jun 2024