Dikgomo di busediwa mo kgaolong
12 Jun 2024
Barui ba kgaolo ya Zone 6b mo kgaolong ya Tati Botlhaba ba simolotse go amogela dikgomo morago ga gore di bolawe kwa Maun, kgaolo eo e sena go tlhaselwa ke bolwetse jwa Tlhako le Molomo ka 2022.
E rile mo potsolotsong ka Mosupologo, Rre Jabulani Lekonga,52, a tlhalosa fa a amogetse dikgomo tse di namagadi di le lesome le bongwe le madi a phimolo dikeledi. E ne ya re ka lone letsatsi leo la go simolola go busetsa dikgomo mo kgaolong, Rre Lekonga a tlhalosa gore le fa a ne a ineela gore dikgomo tsa gagwe di tsewe, botshelo bo ne bo le bokete ka a ne a ithusa ka tsone.
A re e ne e re fa go le thata a rekise kgomo go rekela bana paka ya sekole, go ithusa mo lapeng kana go ntsha e engwe fa go na le mediro ya masika. “Ka ke ne ke emetse go busiwa ga dikgomo tsa me ka tsholofelo, ke ne ke nna ke le malala a laotswe, ke ntse ka tetelo e bile ke agile lesaka le lefelo le di tlaa bonang metsi mo go lone,” ga rialo Rre Lekonga Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o tlhalositse fa sengwe le sengwe se le molemo e bile se diragala ka lebaka.
Rre Moabi a re Tautona o ne a solofetsa barui gore o ya go busetsa dikgomo mo kgaolong di sena go ntshiwa mo kgaolong eo go tlhibela bolwetse jwa tlhako le molomo, a tlatsa ka go re tsholofetso eo e simolotse go diragala. A re ka 2018, Tona Kefentse Mzwinila o ne a solofetsa phatlalatso ya metsi mo kgaolong mme se se setse se diragetse ka metse yotlhe e setse e gokeletswe mo kanamisong ya metsi le fa go santse go na le tlhaelonyana mo metseng mengwe.
“Puso e solofeditse go reka lefatshe, mme re bone e rekile lefatshe mo khamphaning ya Tati go lwantsha tlhaelo ya lefatshe la bonno, temo le dikgwebo mo kgaolong,” ga rialo Rre Moabi. O akgotse puso go phimola dikeledi barui ka madi a a botoka ka se se ba kgontshitse go simolola go aga le go feleletse matlo a bone le go ka itshimololela dikgwebo tse dipotlana.
Ka nako ya fa go ntshiwa dikgomo mo kgaolong, di le 10 219 di ne tsa isiwa go bolawa kwa matlhabelong a Maun. Go ya ka tumalano ya dituelo, barui ba ne ba fiwa selekanyo sa makgolo a supa mo lekgolong e le madi fa makgolo a mararo mo lekgolong e le dikgomo. Go solofetswe gore barui ba le 976 ba kgaoganngwe dikgomo di le 7 181. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : RAMOKWEBANA
Event : Potsolotso
Date : 12 Jun 2024