Ba Mogate ba tlhoma kgosana
05 Jan 2014
Kgosana wa kgotla ya Mogate kwa Serowe, Mme Sebopiwa Disang o tlhomilwe go nna kgosana ya kgotla eo kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo.
Fa a bua kwa moletlong oo mothusa tautona wa pele, Lt Gen. Mompati Merafhe, a re kgosi ke kgosi ka batho e bile kgosi ke thotobolo go latlhelwa tse dintle le tse di maswe mo go yone mme e baakanye.
Lt Gen. Merafhe a re kgosi e atlhola ka kelotlhoko e sa sokamele ntlha e le nngwe fela ka go dira jalo go aga morafe wa gagwe. O ne a mo gakolola go dirisanya le bo rangwanaagwe gore ba mo gakolole le go mo thusa mo tirong ya go goga morafe.
A re bogosi jwa gompieno ke go dira ditlhabololo le go aga setshaba, e bile o ne a mo rotloetsa go dira thata le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ka maemo a gagwe go bona gore kgotla ya gagwe e tswelela pele. A re go dira ka boikgapo le boineelo go botlhokwa mo tirong ya segosi.
Lt Gen Merafhe a re jaaka motshereganyi wa morafe o ya go kopana le batho ba mefuta e e farologaneng mme ke tshwanelo ya gagwe go tlhotlha mafoko a a siameng le go dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho. O mo kgothaditse go dirisanya le kgosi kgolo ya ga mmaNgwato ka fa a gogela go sele o ka latlha morafe wa gagwe.
Dibui ebong borangwanaagwe le bo malomaagwe ba mo kgothaditse go dira ka botlhale le boingotlo ka bogosi bo batla motho yo o dirang tiro eo ka bongwefela jwa pelo e bile a sa ntshe ope ka leso legolo.
Ba mo gakolotse go nna podi matseba mo go ba ba ratang go bua ka ba bangwe, le ba ba sebang gore a seka a ba reetsa ka seo se ka tsala letlhoo fa gare ga morafe wa gagwe. Ba re kgosi e a sebiwa mme o nna fela a tlhamaletse mo bogosing jwa gagwe a sa kgaoganye morafe e bile a ba rata botlhe.
E rile a leboga kgosi Disang a leboga botsadi, a supa fa a tla dirafatsa ditopo le dikgakololo tsa bone. Go boletswe fa rragwe kgosi e ne e le kgosi ya kgotlana eo botshelong jwa gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesego Kelediyakgotla
Location : SEROWE
Event : Peo ya kgosana
Date : 05 Jan 2014






