Goledzwa e supa lorato
05 Jan 2014
Mokgatho wa Goledzwa wa kgwele ya dinao mo kgaolong potlana ya Tutume o supile mowa wa lerato ka malatsi a Botsalo jwa Morena.
Mookamedi wa mokgatho oo, Rre Unopa Moshabi o buile gore le bone ba bone go tshwanela gore ba kgaogane tlhogwana ya tsie le balwetse, ka go ba abela dijo tse di agang mmele.
A re se se tlaa tlisa pholo mo balwetsing, ga mmogo le go fokotsa ditlhabi mo mebeleng ya bone ka go bona bangwe ka bone ba tsile go ba tlhola le go ba fa lorato.
Rre Moshabi o tlhalositse gore e le ba komiti ya Goledzwa ba tswa kgakala ba abela balwetsi ba sepatela sa Tutume mme gompieno ba okeditse go feta ngwaga o o fetileng ka go tsenya letsogo le mo go tse dingwe tsa motse.
Mokgatlho oo gape o ne wa abela ba Leobo Project madi a P3 000 go tlatsa mo mading a a ntseng a le teng a P87 000 a go aga leobo la kgotla e tona le le tlhokang madi a mantsi.
O tsweletse a re ba okeditse madi mo go tsotlhe tse ba neng ba di abea , ka gore le bone e le banana ba ba batla go nna le seabe mo go tlhabololeng motse wa bone le mororo ba tsaya nako e telele ba seo ka tsa tiro.
Rre Moshabi a re ba file gape sekole se sebotlana sa Thini madi a P 3000 go baakanya mochine o o romelang dipampiri ka o sale o nna lebaka o senyegile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TUTUME
Event : Kabo ya dithuso
Date : 05 Jan 2014






