Breaking News

Ba lebogelwa boitshwaro jo bontle

05 Jan 2014

Banni ba metse e e mo tikologong ya Masunga ba lebogetswe go itshwara le go supa tirisano mmogo ka letsatsi la go amogela ngwaga o mosha.

Ba lebogilwe jalo ke mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Kgotlaetsile Oodira mo potsolosong kgwedi eno e le malatsi a mabedi.

Rre Oodira a re fela jaaka malatsi a Botsalo jwa Morena, banni ba kgaolo ya gagwe ba amogetse ngwaga o mosha ka kagiso le boitumelo jo bogolo thata, a re ba ne ba dikologa le metse yotlhe ya kgaolo ya bone, mme ga ba a amogela ditiragalo dipe tse di hatlhang jaaka tsa borukutlhi, dintwa le tse dingwe fela jalo.

Mookamela mapodisi o ne a tswelela a re ga go a nna le dikotsi dipe mo tikologong ya bone, a re seo le sone se supile boikarabelo jo bogolo mo bakgweetsing. A re ngwaga ono go nnile le pharologanyo e tona thata mo tikologong ya bone fa go tshwantshangwa le dingwaga tse di fetileng ka go ete go nne le ditiragalo tse di sa jeseng diwelang ka one malatsi ao, a go amogela ngwaga o mosha.

Superintendent Oodira o ne a kopa banni ba Masunga le tikologo go tswelela ba tshegeditse boitswaro joo go ya go ileng. Mo go tse dingwe, kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya segofadiwa ka lesea la mosimanyana ka letsatsi la ngwaga o mosha, le le neng la belegelwa kwa sepateleng sa Masunga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 05 Jan 2014