Basimane ba bolailwe ke metsi
31 Dec 2013
Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone basimane ba le babedi ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le bone le lesome le borataro ba Goshwe ba neng ba betwa ke metsi morago ga gore ba wele mo molwatswaneng.
Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re begetswe tiragalo eo ka Matlhatso ka nako ya botlhano maitseboa. Supt Halahala o tlhalositse fa ba ne ba thusana le ba sesole go ntsha bana bao mo metsing, morago ba ba ragosetsa kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa ba tlhokafetse.
A re ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go leka go batla se se ka tswang se diragetse gore bana bao ba felele ba wetswe ke seru. O ne a supa fa ka letsatsi leo pula e ne e nele thata mme dinoka di ne di tletse.
Supt Halahala o ikuetse mo batsading go tlhokomela bana le go ela tlhoko metsamao ya bone segolo jang ka nako dipula ka jaana bana ba rata go tshamekela mo metsing mme se, se le borai mo matshelong a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Puisanyo
Date : 31 Dec 2013






