Khansele ya borwa e isa ditlamelo kwa bathong
29 Dec 2013
Kgosi Aupa Molosi Makabedi, wa Lekgolobotlo a re o dumela gore go isa ditlamelo kwa bathong ke nngwe tsela ya go fokoletsa setshaba mosepele wa go latela dithuso kwa diofising.
O buile jalo fa a amogela badiri ba khansele ya borwa le e potlana ya borwa ya Moshupa kwa Lekgolobotlo bosheng. Rre Makabedi a re ba itumeletse lenaneo la Ipelegeng ka le namola bangwe mo lehumeng, mme a re bangwe ba ba hirilweng ga ba bereke sentle ebile ga ba na tirisano mmogo le bagolwane ba ba ba tlhokomelang ka nako ya tiro, mme mafelo a kgwedi ba batle go duelwa.
Mokwaledi mogolo wa khansele ya borwa, Rre Mompati Seleka a re khansele e tlaa tshwelela ka go thusa batho go ba isetsa ditlamelo ka bofefo jo bo kgonagalang, e seng gore bone ba tswe kwa dikgaolong ba di latele kwa diofising gongwe ba boe ba sa thusiwa.
O tlhaloseditse banni ba motse oo fa go isetsa batho ditlamelo go ntsha maduo gape go thusa ba ba dikobo dikhutswane ba ba sa kgoneng go ya go tsaya ditlamelo tsa bone kwa diofising. Rre Seleka o kopile ba ba nang le bokgoni mo go tsa kago go kwadisa maina a bone le ditiro tse ba di kgonang kwa ofising ya boipelego kana ya ga molaodi, gore ba tle ba thapiwe go nna ba ntshafatsa dikago tsa puso.
O kopile gape ba ba hirilweng ka lenaneo la Ipelegeng gore ba bereke ka bonatla gape ba dirisanye go fenya dikgwetlho tsa ditlhabololo. Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Moshupa Rre Isiah Odirile o buile fa bontsi jwa batho ba sa kgone go latela ditlamelo kwa diofising kgolo, a re bagolwane ba khansele ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba tseye ditlamelo ba di ise kwa bathong mo dikgaolong tsa bone.
Mongwe wa banni ba motse e bile a thusitswe mo letsatsing leo ka go dira teseletso ya semausu ya go rekisa, Mme Lorato Mokabedi, a re o leboga khansele ya borwa go bo e tsibogetse go isetsa batho ditlamelo kwa dikgaolong tsa bone.
Kwa Ntlhantlhe, kgosi Malepa Orekeng a re o itumeletse go bo ba tsisediwa ditlamelo mo dikgaolong ka go tswa mo Ntlhantlhe go ya kwa diofising kwa Moshupa go le borai mo matshelong a batho.
A bua fa mongwe wa banni a kile a tlhokafalela mo tseleng ka lebaka la go pagama dikoloi gantsi a ne a ya go kopa thuso kwa diofising tsa Moshupa. Kgosi Orekeng a re ba kopile setsha mo lephateng la ditsha, a re fa khansele e na le madi e ba akanyetse go ba direla diofisi, kana fa ba ka nnang batla go ba thusetsa teng gongwe gangwe mo bekeng go fokoletsa batho mosepele wa go boa boa kwa diofising ba latela ditlamelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Mae
Location : KANYE
Event : Kamogelo bodiredi
Date : 29 Dec 2013






