Moruti Lesole o abela bagodi
29 Dec 2013
Mogolokwane o ne o lelela boatleng kwa Kanye fa Moruti Lesole Lesole wa kereke ya Pentecostal Holliness Church le ba lelwapa la gagwe ba abela bagodi dikobo di le masome a mabedi le mephuthelwana ya melora.
Bannabagolo le basadibagolo ka dithobane, dikuane le megagolwane ba ne ba tlola ba bo ba relela, fa ba amogela dikobo tseo tse di itsegeng thata ka leina la ‘’Puma’’ ka Sedimonthole a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa.
Mothusa kgosi kgolo ya Bangwaketse, Kgosi Kebapetse Telekelo, o ne a bolelela bagolo bao ba ba neng ba abelwa dikobo gore ba di apare ba bo ba di tlhatswe ka melora e ba e neetsweng. O boletse fa ba abetswe dimpho tseo ka gore ke bagodi ba ba bereketseng lefatshe la Botswana go nna se e leng sone gompieno.
Kgosi o boletse fa go na le bana bangwe ba bone ba ba amogang bagolo ditsabone, a kopa gore fa bana bangwe ba ba rontsha ditshwanelo tsa bone ba begele ba bogosi gore dikgato tse di gagametseng di tsewe.
O akgotse moruti le ba lolwapa lwa gagwe go nna le mowa wa kutlwelobotlhoko mo bagoding, le go mo rotloetsa go tswelela a dira jalo. O boletse fa a dira nngwe ya dipilara tsa tebelopele go ya ko ngwageng wa 2016, e e reng "Tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e kgathalang’’.
"Moruti wa me o setse moono morago wa gore motsadi ga se wa tlholego fela, mongwe le mongwe ke motsadi wa gago’’, kgosi Telekelo a bua jalo.
Fa a ntsha la gagwe moruti Lesole o ne a bolela fa go segofadiwa letsogo le le abang go na le le amogelang. Moruti o boletse fa ba ntshitse dimpho tseo ka botswapelo, go leboga bagodi mo Kanye ba ba dirileng ledulo le le monate mo Botswana.
Moruti a re madi a ba neng ba reka dikobo tseo ka o ne ba ne ba thusiwa ke batho fela mo motseng, ba sa ntshe mo dipateng tsa bone. O boletse fa e le mpho ya modimo. Bagolo bao ba ne ba leboga thata go menagane ba bolela fa e le tshegofatso ya modimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Kabo Dikobo
Date : 29 Dec 2013






