Breaking News

Tshwaragano e ka tiisa lekgotla - Toto

29 Dec 2013

Dikgosi di kopilwe go ema ka dinao gore lekgotla la bone la Dikgosi Association le nonofe.

Mafoko a a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa,  Rre John Toto kwa bokopanong kwa dikgosi kwa Tsabong bosheng.

Mopalamente o ne a  supa fa lekgotla leo le le botlhokwa ka le ka rarabolola dikgang  tse di nnang di tshabelela  merafe tsa go lwela bogosi. O ne a kopa dikgosi go isa serodumo sa bogosi kwa godimo ka go itlotla pele  ga ba tlotlwa ke morafe  ka go supa boitswaro jo bo eletsegang mo setshabeng .

Rre Toto o ne a tlhalosa fa tiro ya dikgosi e bonala ya go  sekisa le go atlhola ga ditsheko, O supile fa masome a ferabobedi mo lekgolong  ya ditsheko  di sekwa mo makgotleng a bone  a Setswana. O ne a kopa bookamedi mo lephateng la makgotla a Setswana go tsaya tiro ya bone tsia ka go ba tlhatlhelela le go nosetsa  tiro ya bone ya bogosi ka nako tsotlhe  ka se se ka ba thusa thata go dira ka maetsetseleko.

Mopalamente o ne  a kaya gape fa dikgosi di dira tiro e ntle ya go nyadisa ka magadi a ntshetswa  kwa makgotleng  a bone a Setswana , O ne a gwetlha lekgotla leo go bua ka lentswe le le lengwe ka pharologanyo ya ditlhwatlhwa tsa manyalo gore di tshwane go sa kgathelesege gore ke merafe efe.

O ne a rotloetsa dikgosi go tlotla  merafe ya bone le gone go nna le boikarabelo mo tirong ya bone ka dinako tsotlhe  ka go bitsa diphuthego tsa kgotla go ithuna dinta ka dikgang tsa metse ya bone ka gape di ka thusa mo popaganong ya morafe. ‘’ A supa fa kgosi e le kgosi ka batho’’

Fa a bua ka maikaelelo a lekgotla  leo Kgosi  Johannes Olebile Motlhaetsi wa Zutshwa   mokwaledi mo lekgotleng leo,  O ne a supa fa   e le go itsheka tsheka , go ipaakanya , go tsaya boikarabelo go kopana ka maikutlo le  dikeletso le gone go tswa ka moono  wa  go bopa bogosi .

Kgosi Motlhaetsi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa lekgotla leo gape le tlaa bo le itebagantse  le go thusa mo tsamaisong ee tshwanang ya bogosi  bogakolodi  le go  thusana le ba baangwe  le gore le tlaa thusa thata le itepatepanya le diphetogo tsa molao go o rerisana le go thusana  go o tlhaloganya.

O ne a gwetlha maloko a lekgotla leo go ema ka dinao ka  go bereka mmogo  gore lekgotla leo le tswelele le gone go ithuta molao wa bogosi gore ba tle ba dire tiro ya bone ka manontlhotlho.

Kgosi Mbao Kahiko  III motshwaramadi mo lekgotleng leo,   o ne a kaya fa lekgotla leo le akaretsa mongwe le mongwe yo o dirang tiro ya bogosi e leng dikgosi le dikgosana mme a kopa batsena kopano eo go o tsaya tsia ka o ka ba tswela mosola. 

Mookamela   lephata la makgotla a Setswana kgosi  Tumelo Seboko o ne a tlhalosa fa go tswa goo lowe  dikgosi  di ne di na le seabe se sentsi  sa go tlhokomela morafe ka go tlhomamisa gore go na le metsi le  bonno jo bo siameng.

Kgosi Seboko o kaile fa ka sone seabe se neng sa ba kgontsha go amogela bommishinari ba ba neng ba kgona go simolodisa go agiwa  ga dikago tsa  dikereke le dikole bogologolo mo lefatsheng leno.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa tiro ya konokono ya dikgosi e le go aga motho ka go nna le boitshwaro jo bo eletsegang,  go nna le seabe mo ditlhabololong  tsa motse wa bone , a supa fa ntlo  ya dikgosi yone e na le tshwanelo ya go gakolola  palamente ka molao wa bogosi .

Mookamela lephata  o ne a supa fa ba lemoga tiro e tona e dikgosi di  e dirang  mme a kaya fa  ba leka ka bojotlhe  go ba isa kwa ithutuntshong ya go sekisa.O kaile fa maikaelelo  a lephata  la bone e le go  tsisa ditirelo tsotlhe tse di tlhokafalang  mo dikgotleng  gore   tiro ya bone e nne motlhofo

Kgosi Seboko o ne a kopa dikgosi  go ikgapha mo go  raelesegeng  go tsena  mo tshenyetsong setshabeng   ka go dira jalo go sa siama mme go ka ba tsenya mo diphatseng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kopano Ya Dikgosi

Date : 29 Dec 2013