Breaking News

Kgosi Letlamma a re go somarelwe metsi

22 Dec 2013

Seemo sa tlhaelo ya metsi se apesitse Botswana kobo ka letshoba, ka jalo go botlhokwa go somarela thothi e e setseng.

Mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, Kgosi Abdul Letlamma wa motse wa Gakuto mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba, o boletse fa batho ba saletse kwa morago mo tshomarelong metsi le mororo  lefatshe le lebanwe ke seemo sa letlhoko le le ntsi la metsi. O tlhalositse fa batho ba itemogetse fa Botswana a kgala, a re ka jalo ba tshwanetse go dirisa thothi e e teng sentle.

A re lemme ga le bolae go bolaya lefifi, ka jalo metsi a somarelwe, go nne le tirisano mmogo mo tirisong ya one. Kgosi Letlamma a re fa e sale kompone ya metsi ya Water Utilities e tsaya taolo mo go tsa metsi, ba ne ba ntsha mogopolo wa gore mo motseng wa Gakuto metsi a tla kgaolwa gararo mo bekeng.

A re seo e le ka mabaka a gore lefatshe la Botswana le ka fa tlase ga kgatelelo ya tlhaelo ya metsi, ka jalo, se e le tsela nngwe ya go a somarela. O tsweletse a supa fa a sa itumelele mokgwa wa batho bangwe wa go nosa leruo metsi a setshaba, a tlatsa ka gore leruo le na le kwa le nwang teng, mo mafelong a tshwana le megobe.

O ne gape a supa morafe ka monwana, a bolela fa o sa dire go lekane go somarela metsi. A re go le gantsi batho bangwe ba gelela metsi ka dikoloi tse ditona mme ba tlhaetse ba bangwe metsi. A re banni ga ba kgone go tswelela le mananeo a puso a nyeletso lehuma; mmaba e le tlhaelo ya metsi. O kaile fa ditshingwana tsa merogo mo Gakuto di sa dire sentle ka go sena metsi go di nosetsa.

Kgosi Letlamma o ne gape a itela ka selekanyo sa ditanka tsa metsi tse di nosang motse wa Gakuto, a supa fa di le dinnye di sa lekane banni ka motse o godile e bile o siela metsana e mo tikologong ya one. A re motse wa Gakuto o godile e bile o tlhoka go nna le ditlamelo jaaka go gokelwa metsi le ditsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : MOLEPOLOLE

Event : Puisanyo

Date : 22 Dec 2013