Breaking News

Bapalami ba kopiwa go ipabalela

22 Dec 2013

Bapalami ba kopilwe go supa boikarabelo le go nna le seabe mo go gakololeng bakgweetsi go ikhutsa, bogolo jang mo mesepeleng e meleele jaaka go lebilwe malatsi a keresemose le ngwaga o mosha.

Mafoko a, a builwe ke mothusa mookamela mapodisi a Middlepits, Assistant Superintendent Busang Malope, mo puisanong le ba tatediso ya dikgang bosheng. Assistant Superintendent Malope o ne a tlhalosa fa gantsi dikotsi tse di diragalang di bakwa ke letsapa le lentsi, mme a kopa bapalami go gakolola bakgweetsi go ikhutsa go na le go ba tsenya mo kgatelelong ya gore ba itlhaganele fa ba le mo mesepeleng.

O ne a tlhalosa fa ngwaga le ngwaga ba tshwara merapelo le dikereke tse di farologanyeng mo kgaolong ya Middlepits ka nako ya malatsi a boitapoloso a keresemose le ngwaga o mosa, e maikaelelo a yone eleng go gopola ba ba tlhokafetseng ka ntata ya dikotsi tsa tsela le gone go rapela le go kopa Modimo go kganela dikotsi tsa tsela tse di gapileng matshelo a batho ba le bantsi mo lefatsheng leno.

O tsweletse ka go tlhalosa fa ba tlhopha lefelo lengwe le go diragaletseng kotsi mo go lone mme ba phuthaganele teng go rapela. A re ka tirisanommogo le kemonokeng ya magosi le merafe ya motse wa Middlepits le mafelo a a mo tikologong, tiro e e nna e atlega ngwaga le ngwaga. Rre Malope a re ka yone nako eo ya thapelo, ba nna le sebaka sa go begela morafe ka dikotsi tse di diragalang mo kgaolong ya bone. O supile fa go simologa ka ngwaga wa 2011 go fitlha mo nakong ya gompieno go setse go tlhokafetse batho ba supa.

Assistant Supuritedent Malope o supile fa malatsi a boitapoloso bangwe ba tsaya mesepele e meleele ba ya dikerekeng le kwa magaeng a bone, fa bangwe ba goroga go tswa ditirong. O kaile fa ba ipaakantse sentle mo ditseleng, e bile ba le malalaalaotswe ka tsotlhe tse di amanang le go kgweetsa mo ditseleng, le gone go dikologa mo terateng ya molelwane wa lefatshe la  Botswana le la Afrika Borwa, ba etse seemo tlhoko.

O supile fa gantsi ba tshwenngwa ke bogodu jwa go tlodisiwa ga leruo mo molelwaneng o. Mothusa mookamela mapodisi o ne a gakolola a ba a kopa bakgweetsi go ikela tlhoko mo malatsing a boitapoloso a keresemose le ngwaga o mosa, ka go tila go nwa bojalwa ba kgweetsa; go kgweetsa ka lebelo le le letlelesegang; go tlhomamisa gore a dikoloi tsa bone di itekanetse sentle pele ga ba tsaya mesepele; go itsa go amega mo dikotsing tsa tsela.

O ne a tlhagisa thata bakgweetsi go ela tlhoko tsela fa e itsoketsang teng, le gone go fokotsa go tsamaya bosigo; a kopa gore go emelelwe go sa ntse go bonala ka tsela ya Tsabong go ya Bokspits e tshabelelwa ke leruo le le gobeang mo go yone bosigo le motshegare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MIDDLEPITS

Event : Puisanyo

Date : 22 Dec 2013