Breaking News

Ba kopa balemi go tlatsa madi

22 Dec 2013

Boraditerekere ba motse wa Lerala ba re ba tla a lemela fela balemi ba ba tla a ntshang makgolo a mabedi a dipula mo godimo ga makgolo a mane a puso e a duelelang balemi fa ba sena go lemelwa.

Boraditerekere ba buile jalo kwa phuthegong ya balemi-barui mo motseng wa Lerala bosheng. Ba re madi a ba a duelwang mo temong ya go gasa a mannye fela thata ebile a felela fela mo go atsweng ba ba lemang. Ba boletse fa temo ele turu, ka jalo ba nna le ditshenyegelo tse dintsi fa ba lemela batho, mme ere morago ga go lemela balemi ba sale ba itshophere ba sa boelwa ke sepe; mme seo se felela se ba kokonela ka ba a bo ba sa bona dipoelo.

Modulasetilo wa komiti ya boraditerekere ya motse wa Lerala, Rre Gababotlhale Jeremiah, o boletse fa bontsi jwa masimo a tletse disana ka jalo ba baakanya maotwana a diterekere kgapetsakgapetsa ka a bo a phunyegile. O ne a ikuela mo baleming go ba sekegela tsebe ka ba kokonelwa.

Le fa go ntse jalo, balemi ba ne ba seka ba dumalana le tshwetso ya boraditerekere. Ba boletse fa ba sa itumelele tshwetso e e tserweng ke beng ba diterekere ka ba sa ba rerisa ebile ba ka seka ba kgona go ntsha madi ao go oketsa a puso e a ntshang.

Rre Kgoberego Ramosoka a re puso e duelela balemi ka e lemogile fa ba sa kgone go ituelela go lema ka jalo bontsi jwa balemi ga ba na go kgona go tlatsa ka madi a a lopiwang. O ne a kopa boraditerekere go ba lemela ka ditselana ka ba ngongoregela madi a ba a duelelwang fa ba gasa. A re o lemogile fa ba ngongoregela madi a go lema ba gasa mme ba sa supa gore ba ngongoregela a go lema ka ditselana.

Mo go tse dingwe, balemi ba ne ba ngongorega ka barui bangwe ba ba tlogelang leruo la bone le senyetsa bangwe mo ditshimong ka nako tsa temo. Ba re fa ba lopa dituelo mo baruing bao go felela go nna dikgotlhang tse kwa pheletsong o fitlhelang bangwe ba sa buisanya sentle. Ba ne ba ikuela mo baruing go rurufatsa gore ba disa leruo la bone gore le seka la gobea mo masimo ka dinako tsa temo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya balemi-barui

Date : 22 Dec 2013