Breaking News

Neelano e botlhokwa

04 Feb 2013

 

Kgosi  Otsile Ketshotseng wa kgotla ya Maenjane kwa Tutume a re go nna le mowa wa neelano ke selo se se botlhokwa thata mo bathong.

E ne ya re a bua mo potsolosong, Kgosi Ketshotseng a tlhalosa fa mowa wa neelano o tlhokega, bogolo jang ka bontsi jwa batho mo motseng itsholelo ya bone e le kwa tlase. 

O tlhalositse fa Tautona Lt Gen.  Seretse Khama Ian Khama a leka go nyeletsa lehuma mo lefatsheng mme Motswana mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go tsenya letsogo go thusa.

O boletse fa a sa jesiwe diwelang ke batho ba ba sa batleng go thusa ba masika a tlatsa ka gore batho ba tshwanetse go ithuta go kgaogana se ba nang naso le babangwe. 

O ne gape a bolela fa a utlwisiwa botlhoko ke batho ba ba sailang mo mebileng ba sa bereke ba inaakantse le majalwa.

“Puso e dira ka bojotlhe go tokafatsa matshelo a batho mme le rona re tshwanelwa ke go tsenya letsogo.  “Lesang go dikologa le meriti ya ditlhare le tsene mo dijarateng le batle ditiro,” ga bua Kgosi. 

Kgosi a re banana ba tshwanetse go inaakanya le mananeo a a tlhomilweng ke puso gore ba ikinole mo lehumeng ka one. 

A re ba tsee malebela mo go ba ba setseng ba bone thuso ka ba tlhabolotse matshelo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Clara Thamae

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 04 Feb 2013