Banni ba lela ka tshenyo
24 Apr 2024
Banni ba Kanye Borwa ba kgotlana ya Sepojane ba supile fa ba amogela ditlhabololo tsa kgopo ya metsi a a leswe, mme ba tshwenngwa thata ke tshenyo e e tlang le seo.
Rre Mosala Morekisi o ntshitse matshwenyego a mo bokopanong jwa morafe ga mmogo le mopalamente wa kgaolo Rre Thapelo Letsholo bosheng. Rre Morekisi o supile fa tikologo ya bone e sa tsamaege, ka jaana kompone e e dirang tiro ya kgopo ya metsi, e epile dikhuti ya bo ya tlogela ditotoma tsa mmu le matlapa.
O tsweletse ka go tlhalosa fa seo se dirile gore fa dipula di na metsi a tla ka bokete a fologa kwa kgaolong ya Ntsweng mme a dire tshenyo e e maswe mo malwapeng a bone.
A re khamphani eo, e ntshitse dikganedi tse di ntseng di le teng gore metsi a seka a tsena mo malwapeng a bone, a tswelela ka go tlhalosa fa metsi a o a dira tshenyo e tshwana le go diga mabotana, go ranyega ga matlo le go tla ka matlapa a matona, ga mmogo le go epa ditsela tsa bone.
Rre Morekisi o tlhalositse gore fa dipula di nele, go nna thata gore bana ba ye dikolong, babereki ba ye ditirong le gore banni ka go harologana ba ka tswelela le ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi.
Banni ka go farologana ba ne ba supa fa ba tshwenngwa gape ke gore khamphani eo ya kgopo ya metsi a a leswe, e kgaola mathumbo a metsi a a nowang mme ba tlogele go ntse jalo, mo go oketsang lenyora le le ba tlhasetseng.
Ba itsisitse mopalamente gore bontsi jwa dipompo tsa bone ga di tswe metsi, mme ba tsweletse ka go itemogela mathumbu a a dutlang, ba tswelela ka go supa Water Utilities Coorporation (WUC) e itlhokomolositse dikgang tseo.
Ba supile gape fa ba na le bothata jwa batho ba ba tlang ka matlakala go tswa kwa dikgotlaneng tse dingwe mme ba a latlhele ko kgaolong ya bone ka e le kwa phelelong ya motse.
Banni ba kopile mopalamente go ba thusa gape ka go fokotsa sekgwa se se mo gare ga kgaolo ya bone, ba tlhalosa fa se baa matshelo a bone mo kotsing, ka jaana dirukutlhi di ba emela mo go sone, ba bo ba kopa gore go tsenngwe dipone ka di ka thusa mo go kobeng dirukutlhi tseo.
Ba supile fa kgaolo ya bone e godile, jaanong ba kopa go agelwa kgotla kwa ba tlaa kopanelang dikgang tsa bone teng.
Mogolwane kwa WUC o itsisitse morafhe fa ba tsweletse ka tiro ya go phatlalatsa metsi mo motseng, a tlhalosa fa legato la ntlha la tiro le tsweletse mme le tla wela ka Phalane, go bo go ba latela le lengwe.
A tswelela ka go ba solofetsa fa ba tlaa dira bojotlhe gore ba baakanye mathumbo a a dutlisang metsi. O ba itsesitse gape gore mathumbo a bogologolo a tshwanelwa ke go ntshiwa ka a tsofetse e bile a le masesane go ka nosa dipalo tsa batho tse di oketsegileng.
Kanye District Acting Deputy Council Secretary – Development, Mr Chidzani Mudongo o tlhalositse fa ba itemogetse leswe la motse wa Kanye jaaka banni ba supa, ka jalo ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore Labotlhano mongwe le mongwe go phepafadiwe.
O galaleditse dikgotla ka go farologana mo go phepafatseng motse, mme a supa fa gona le batho bangwe ba ba tsweletseng ka go leswafatsa tikologo.
Mo go tseyeng matlakala a a dueletsweng kwa malwapeng, o supile fa ba thapile dikhamphani tse di ikemetseng, ka mabaka a go tlhaelelwa ke didirisiwa, a tswelela ka go supa gape gore Ipelegeng e tshwanelwa ke go thusa go hokotsa sekgwa se se mo gare ga motse.
Kanye Sanitation Project Environmentalist, Mr Lucas Tshukudu o tshephesitse morafhe gore ba tlaa kopana e le makalana a a maleba go dira gore batle ka maano a gore metsi a pula a seka tswelela ka go dira ditshenyo mo malwapeng.
Mopalamente Rre Letsholo o supile fa a dumalana le kopo ya morafe go agelwa kgotla, a tlhalosa e le ko ba ka kopanelang teng go bua ka dikgang tsa kgaolo.
Rre Letsholo o tlhalositse fa ditlhabololo gantsi di tla ka go senya dingwe, segolo jang fa batho ba nnang teng, a tswelela ka go supa fa se se botlhokwa e le go buisanya le ba ba maleba go rarabolola tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thato Modiakgotla
Location : KANYE
Event : bokopano jwa morafe
Date : 24 Apr 2024