Breaking News

Kago ya mafaratlhatlha a motlakase e tlaa simolodisiwa

24 Apr 2024

Tiro ya laene ya mafaratlhatlha a motlakase ya dikhilomethara di le 570 go tswa Thamaga e gokagana le Tsabong e tla simolodisiwa mo bogaufing go araba selelo sa kgaogo ya motlakase e diragalang kgapetsakgapetsa mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks o buile se kwa diphuthegong tsa kgotla kwa Kokotsha le Werda bosheng.

Rre Brooks a re tiro eo e tla lopa P1.2 billion mme e tla tsaya dingwaga tse tharo go wediwa.

E rile a lekodisa ka dingwe tsa ditlhabololo tse di tsweletseng mo kgaolong, Rre Brooks a re dipaakanyo tsa tsela ya Omwaweneno – Tsabong di tsweletse. A re tsela eo e baakanngwa ka madi a fetang P25 million mme e solofetswe go wediwa kgwedi ya Sedimonthole monongwaga.

O tlhalositse gore puso e tsweletse ka go tswa ka metlhale e Batswana ba ka ithusang go tlhabolola matshelo ka yone.
Ka jalo, o rotloeditse banni go inaakanya le mananeo a ka thusang go tokafatsa matshelo le itsholelo ya malwapa a bone, jaaka le le ba rotloetsang go simolodisa le go godisa dikgwebo la Chema Chema.

Rre Brooks a re lenaneo la Chema Chema le thusa bagwebi ka madi a kadimo, ka jalo le tlhoka motho yo a tlhwaafetseng e bile a itse se a se batlang.

Mopalamente Brooks o tsweletse a tlhalosa gore lengwe la mananeo a puso e thusang ka one ke go gokela motlakase mo malwapeng a bone mahala mo malwapeng selo se a supileng fa e le maikaelelo a puso go tokafatsa matshelo a Batswana jaaka e le maitlamo a yone go ya pele.

Rre Brooks a re mhama wa temo thuo le one o tsweletse ka go ribolola mananeo ka go farologana.

A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o solofetswe go ribolola lenaneo la Thuo Letlotlo gompieno. Tsholofelo ke gore banni ba Kgalagadi Borwa ba tlaa akola lenaneo la Thuo

Letlotlo ka bontsi ka gore matshelo a bone a ikaegile ka thuo.
Rre Brooks o tlhalositse gore Palamente e e tlang e solofetswe go seka seka molao motheo le go dira diphetogo tse di tsamaelanang le megopolo e tswang mo setshabeng.

Banni ba Werda le Kokotsha ba ne ba lebogela ditlhabololo tse di tsweletseng le tse di weditseng monongwaga di akaretsa kago ya matlo a batlhoki, dipaakanyo tse di dirwang mo dikoleng le tse dingwe.  

Le fa go ntse jalo, banni ba lela ka tlhaelo ya metsi, selo se ba supileng se busetsa kwa morago maiteko a go ba tlhabolola metse ya bone.

Ba ne gape ba lela ka bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa, bogolo jang jwa dihutshane. Banni ba supa gore magodu a bolotsa leruo mo masakeng, seemo se se tlogetseng barui bangwe ba iphotlhere.

E rile a tsibogela seemo sa bogodu jwa leruo, Rre Brooks a re o tshwenngwa ke gore terata ya molelwane wa Botswana le Aferika Borwa e onetse ka jalo e tlhoka go tsibogelwa go lwantsha bogodu jwa leruo.

A re baeteledipele jwa mafatshe oo mabedi ba mo dipuisanong ka maikaelelo a go baakanya terata ya molelwane.

Mogolwane wa kompone ya metsi, Rre Benjamin Baitshenyetsi a re motse wa Kokotsha o sa ntse o sielwa metsi ka koloi go tswa Werda.

Rre Baitshenyetsi are didiba tse ba neng ba di ikantse go siela motse oo metsi di ne tsa pala go gokelwa ka go ntsha metsi a letswai.

A re maikaelelo ke go tla ka tshwetso ya sennela ruri ka gokela Kokotsha mo phaepheng e e gogang metsi kwa Makopong le Draaihoek.

Mogolwane wa ofisi e e tsamaisang merero ya ditlhopho, Rre Norman Tshekiso o tlhaloseditse banni gore buka ya maina a ba ba ikwadiseditseng ditlhopho e dule go sekasekwa ke setshaba go tlhomamisa tsotlhe tse di neng di lopiwa mo go bone di kwadilwe sentle jaaka maina, matlhophelo go itsa ketsaetsego ka nako ya ditlhopho.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Apr 2024