Banni ba akgola ba kokelwana ya Thini
04 Feb 2013
Ba kokelwana ya Thini kwa Tutume ba bone go tshwanela gore ba isetse batho ba Gwemimotsha ditlamelo tsa botsogo kwa kgotleng ya bone ka Labone wa bofelo mo kgweding.
Mo puisanyong le BOPA, Mme Unangoni Chawana wa Gwemimotsha o boletse gore ba kokelwana ya Thini ba dira tiro e ntle thata ya go bona gore baagi ba motse oo ba bona thuso ya bongaka gaufi le bone gangwefela mo kgweding.
A re thulaganyo eo, e tokafaditse matshelo a bone ka kokelwana ya Thini e le kgakala e bile ba tshwanelwa ke go palama dikoloi tsa Setshaba go bonwa ke ngaka.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Keikantse Thamae o ne a leboga ba kokelwana ya Thini ka kakanyo eo.
A re go supa fa ba rata tiro ya bone e bile ba kgathala ka botsogo jwa setshaba. O kopile batho go dirisa sebaka se go tsisa bana le go itekodisa ba bongaka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Clara Thamae
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 04 Feb 2013






