Leruo la puseletso le tlhoka tlhokomelo-Lucas
23 Apr 2024
Barui ba Bobirwa ba tshwanetse go tlhokomela leruo le ba sa tswang go le fiwa go emisetsa le le neng la utswiwa la ba la tlodisediwa kwa Zimbabwe. Bogodu joo bo ne jwa tlogela Babirwa ba iphotlhere ba humanegile e bile ba se na boitiro.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Gobojango, ka Mosupologo, Mopalamente wa Bobonong, Rre Taolo Lucas a kgothatsa ba ba filweng leruo go tiisa tlhokomelo gore ba seka ba welwa gape ke seru sa go utswelwa.
Mopalamente a re fa leruo le ne le tlhokomelwa sentle, barui ba ne ba ka buseletsa serodumo sa bone sa go nna ba motia. Barui ba Bobirwa ga ba bolo go mekamekana le mathata a go utswelwa leruo le tlodisediwa kwa Zimbabwe dingwaga di ka tshwara masome a mane. Dingwe tsa diruiwa di ne di tlodisediwa kwa Afrika Borwa. E rile puso e sena go swetsa go abela ba ba amogilweng loruo ka tsela eo, Mopalamente Lucas a itumelela gore go dira jalo go tlaa namola barui lehuma.
A re mathata a a bogodu jwa loruo a ntse a farafere bopalamente jwa gagwe mo e bileng a leboga ba ba loleng ka tsotlhe tse ba nang natso gore e be kgang e e ye motsubong. Le fa go ntse jalo, mopalamente o kgadile ba ba neng ba batla go lelediwa megolokwane ntswa tiro e dirilwe ke mephato e a reng e lwantshitse tshenyo e ka botswapelo.
Rre Lucas a re bogogi bo itse mathata a a lebaneng mephato le gore e le botshosoerweleng ba ntwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo ba tshwanelwa ke go tsewa sentle.
Rre Lucas o ntshitse tlhagiso ya gore ntwa kgatlhanong le bogodu jwa loruo e kgakala le go fela, ka jalo kgang e e batla go tsenwa ka matsetseleko. O tlhagisitse phuthego gore magodu a ka tswa a metsa mathe a lebile gore loruo lo a busediwa, a ipaakanyetsa go tlhasela gape.
Rre Lucas o ne gape a dumalana le barui gore leuba le tlhasetse mme a ba kgothatsa go ipaakanyetsa diemo tse di thata, a dumalana le bone gore go ka nna botoka fa puso e ne e ka ba fokoletsa ditlhwatlhwa tsa dijo tsa loruo.
Go fitlha gompieno, Lephata la Temo-thuo le setse le weditse tema ya ntlha ya go buseletsa dihutshane le ditonki. Mo temeng e, go abetswe barui ba le 18 dinku di le 267, ba le 244 ba filwe dipodi di le 4890, fa ba le 296 ba filwe ditonki di le 296 go ralala kgaolo go tloga ka Hirikgong go tsena Mopitlo.
Mo temeng ya bobedi lephata le tlaa aba dikgomo mo metseng e e supang ya Motlhabaneng/Lentswelemoriti, Bobonong, Lepokole, Semolale, Gobojango, Mabolwe le Molalatau.
Moanamisa mafoko wa lephata, Rre Clifas Kemiso a re kwa Molalatau le Lepokole ba setse ba amogetse matlhape mme lephata le ntse le tsweletse ka go rekela ba ba setseng dikgomo. Lephata le setse le rekile dikgomo di le 771 mme tsa bewa kwa kwarantining ya Sefophe go tlhatlhojwa. Dikgomo tsotlhe tse di tshwanetseng go rekwa di be di abelwa ba ba tshwanetseng di 2 827.
Mo godimo ga moo, Lephata la Temo-thuo le tlaa reka dipoo di le 97 go abela baikopanyi mme kgaoganyo le tekanyetso e tlaa laolwa ke mabaka a le mmalwa. Rre Kemiso a re go batla dikgomo tsa theko go bokete, ka jalo a kopa barui go rekisetsa puso dikgomo gore tiro e ya go buseletsa dikgomo tsa Babirwa e wele.
A re mo leruong lotlhe theko ya tonki e ne e le yone e e dingalo go di feta tsotlhe mo ba neng ba fudua naga go ya go tsena kwa bo Moshupa le dithota tsa Boteti ba le mo patlong ya botsebeditelele. Ba ba rekiseditseng puso loruo, Rre Kemiso a re ba duetswe botlhe kwa ntle ga ba supa fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GOBOJANGO
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 23 Apr 2024