Bulawa o akgola baithuti ba Tshwaane

23 Apr 2024

Baithuti ba pele ba sekolo se sebotlana sa Tshwaane kwa kgaolong ya Letlhakeng ba akgoletswe go dira bontle mo maduong a ngogola a lekwalo la bosupa.

  Mafoko a, a builwe ke Professor Phillip Bulawa kwa moletlong wa go leboga baithuti bao kwa  Tshwaane bosheng. 

O supile fa go le botlhokwa go batlisisa gore ba kgonne jang go dira sentle mo ditlhatlhobong.

A re go le gantsi ga go nke go dirwa dipatlisiso fa go diragatse dilo tse dintle. 

Prof. Bulawa o kopile barutabana go netefatsa gore fa batsadi ba tlhaloganya se ba se bileditsweng ka nako ya tekodiso ya maduo a baithuti.,

A re go le gantsi  bana  kwa dikgaolong ba tlogelwa le basadibagolo, batsadi ba bone ba ile go batla mafulo a matalana kwa ditoropong.

O supile fa jaanong e nna kgwetlho gore basadibagolo ba tlhaloganye se barutabana ba se ba tlhalosetsang go ya thusa bana. O akgoletse baithuti go supa gore le ntswa ba le kgakala le ditlamelo ba dirile sentle. 

O kopile batsadi gore ba itse fa ngwana e nna ngwana go fitlhela a fetsa sekole , ka jalo go le botlhokwa go ba lekola go bona gore a ba ntse ba dira sentle le gone gore ba ntse ba le mo tseleng e e siameng. 

Prof. Bulawa o kopile batsadi go bereka thata gore bana ba bone ba se wele mo lebitleng ba ntse ba le teng, a bo a solofetsa baithuti go ba leboga ka P2 000 fa ba ka dira sentle kwa lekwalong la boraro kwa sekolong sa Mahupu. 

O ne a kopa barutabana go bereka le dikgosi le mapodisi go tsisa ledula mo dikoleng, a supa fa kgosi e reediwa fa lepodisi lone le tsisa thokgamo mo motseng. 

Morutabana wa bana bao Mme Barati Jappie o ne a supa fa a itumeletse ka fa baithuti bao ba dirileng ka teng, a supa fa a ba rutile gore botshelo ke jwa bone mme go tswa mo go bone gore ba bo tshwara jang. 

A re o dumela gore maduo a ba a dirileng mo lekwalong la bosupa ba ka a tsweledisa le kwa sekolong se segolwane. 

O kopile batsadi go  ba tshegetsa le kwa sekoleng se segolwane gore ba tswelele ka botho jo bontle jo ba bo supileng. Morutabana wa Kutuku e bile e le ngwana wa Tshwaane Mme Nametso Moaki, o ne a kgothatsa bomonnawe gore ba seka ba diiwa ke sepe kwa sekoleng se segolwane, a bo a ba kopa go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa lekwalo la boraro go simolola ngwaga o. 

O kopile baithuti go dira thuto selotlele sa botshelo jwa bone, a bo a akgoella bogogi jwa sekolo sa Tshwaane maduo a mantle a ba a ntshitseng. 

Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Mahupu Unified, Rre Siamisang Mokgolodi, o ne a supa fa ba tshwere bothata ka jaana sekole seo se na le bana ba le 1 641, barutabana ba le 140, mme maikaelelo a bone e le gore bana ba ba tlang ba tsere maduo a A go ya kwa go C ba seka ba wela kwa tlase ga maemo ao. 

O supile fa sekole seo se tsaya bana ba mophato wa ntlha go ema ka wa botlhano, a bo a kopa gore gonne le bathusa mogokgo ba le babedi go mo imolola morwalo. Mogokgo o tlhalositse fa ba ikaelela go tshwara diphuthego mo metseng ya Letlhakeng go bua ka thuto ya bana. 

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Motokwe Rre Rapelang Modise a re o rekile kopi e e gaisanelwang ke dikole tsa Khekhenye, Tshwaane, Motokwe le Tsetseng fa e sale ka ngwaga wa 2021. 

A re fa e sale a reka kopi eo maduo a dikole tse a tokafala ngwaga le ngwaga. 

O tlhalositse fa ba ya go dira kgaisano ya ngangisano ya dikole tseo ka kgwedi ya Phatwe monongwaga. 

A re go tlhoka kitso go diphatsa, ke sone se lekwalo la ga Jobe kgaolo ya masome a mararo le bone[34] temana ya bobedi e balega e re, ‘Utlwang mafoko ame, lo ntshekegele tsebe, lona ba le nang le kitso. 

Fa a leboga mopalamente wa Takatokwane Rre Friction Leuwe o ne a kopa baithuti ba sekole sa Tshwaane go itshwarelela thata ka jaana kgaisano e le ntsi thata ya kopi e. 

O kopile batsadi go ruta bana gore ba seka ba dirisa ditagi ka di ka ba senyetsa botshelo. 

Fa a itebaganya le bana, Rre Leuwe a re ba ikiteye sehuba gore ba ya go tsaya dimpho le kwa sekoleng sa Mahupu. 

Moletlo oo o ne o rotloediwa ke ba Funmart kwa Letlhakeng, setlhopha sa Unskilful Social Club sa Ditshegwane, moithaopi go tswa Tshwaane le dikopi tse pedi tse di fapaanelwang tse di rekilweng ke Mogokgo wa Motokwe Primary Rre Rapelang Modise le mopalamente wa pele wa kgaolo ya Takatokwane Rre Ngaka Ngaka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TSHWAANE

Event : moletlong wa go leboga baithuti

Date : 23 Apr 2024