Breaking News

Chema Chema e tsosolosa dikgwebo

22 Apr 2024

Mothusa Tona wa Lephata la Papadi le Madirelo Mme Beauty Manake o rotloeditse banni ba Selebi Phikwe go ipopa ditlhophana  gore ba kgone go go bona madi a magolwane a Chema Chema. 

Mme Manake yo o neng a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Kagiso le Ikageleng  a re fa banni ba ka ipopa ditlhophana go tlaa ba thusa gape gore ba tlhame dikgwebo tse dikgolwane e bile di na le maduo. 

A re toropo ya Selebi Phikwe ke boremelelo jwa temo ya ditlhare tsa mo malwapeng mme go ka nna motlhofo gore ba ikopanye ba bo ba di tlhabolola ka di na le mmaraka o montsi mo lefatsheng leno. A re go tswalwa ga moepo wa BCL go ne ga phutlhamisa dikgwebo tse di potlana a tlhalosa fa jaanong sebaka se tsile sa gore ba dirise lenaneo la Chema Chema go tsosolosa dikgwebo tseo ga mmogo le go tlhama tse disha. 

Mogolwane go tswa kwa lephateng la Local Enterprise Authority (LEA) Rre Eric Otukile o tlhalositse fa Lenaneo la Chema Chema le itebagantse le Batswana ba dikgwebo potlana ka ba sena bokgoni jwa go gwebisana le dikhamphani tse ditona le ba ba eletsang go itshimolodisetsa dikgwebo. 

Rre Otukile o tlhalositse fa boikarabelo jotlhe jwa go tsamaisa lenaneo la Chema Chema le roletswe lekalana la LEA le Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) go tlhomamisa gore Batswana ba akola maduo a lone. 

Rre Otukile o ne a rotloetsa bomme, banana le bana le bogole go tsaya lenaneo mme a ba kgothatsa go nna le maitlamo a a nonofileng mo go se ba ba tlang go se dira gore se tle se ba direle dipoelo mme ere morago ba bo ba ka busa madi gore ba bangwe ba thusiwe. 

Le fa go ntse jalo o ne a tlhalosa gore fa e sale lenaneo le bulelwa ba itemogetse dipalo tse di kwa godimo kwa diofising tsa batho ba ba ikopelang madi mme se se supa fa Batswana ba batla go itlhabolola.

O tlhalositse fa ba tlaa ntsha bodiredi go ya go thusetsa setshaba kwa mafelong a a farologanyeng. Se se tlaa thusa go fokotsa mosuke kwa diofising.

Rre Otukile o kopile Batswana go tsaya nako go ithuta ka kgwebo, a tlhalosa fa ba itemogetse fa dikgwebo tse batho ba diretsweng moalo wa tsone ke bo maitseanape, dikgwebo tsa teng di sa tswelele ka ba palelwa ke go sala morago se se kwadilweng. 

E rile a tswa la gagwe Kgosi Molosiwa Molosiwa wa Kgotla ya Kagiso o ne a tlhalosa fa lenaneo la Chema Chema le sa amane gope le sepolotiki mme le diretswe go ntsha batho mo manokonokong a lehuma. Kgosi Molosiwa o ne a kgothatsa setshaba go itlhokomolosa dikgang tsa go nna jalo ka di ka ba diya go tswelela mo botshelong. 

O ne a re o itumedisitswe thata ke dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba neng ba tsene phuthego.

A re ditshono tsa go dira dikgwebo di dintsi mme go tlhoka gore ba tsene mo go tsone, o ne a ba rotloetsa go ba seka ba dira dikgwebo tse di tshwanang ka se se ka seka sa ba busetsa sepe mme kwa bofelong ba palelwe ke go busa madi. ends

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 22 Apr 2024