Breaking News

A re lwantsheng borukhutli - kgosi

19 Dec 2013

Moemela Kgosi-kgolo wa bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Mokhutshwane Sekgoma, a re ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go lwantsha borukutlhi.

O buile mafoko a ka Labobedi kwa kgotleng kgolo ya ga Mmangwato mo phuthegong ya makalana a itshireletso a akaretsa mapodise, masole, dikompone tsa badisa-dikago le mapodise a a thapilweng ga nakwana; ka nako ya fa a ne a ba ema ka lefoko jaaka ba ipaakanyetsa go sireletsa Batswana le dithoto tsa bone mo malatsing a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha.

A re ke ka yone nako e e ba tshwanetseng go supa maitlamo mo tirong ya bone gore ba tle ba kgone go fitlhelela tsotlhe tse ba di ikanetseng.

Kgosi Sekgoma o gakolotse badiragatsi bao ba molao gore ba tshwanetse go itse gore ba bereka ka nako tsotlhe le fa ba sa apara paka ya tiro tota, mme a re go mo maruding a bone gore ba netefatse gore Serowe o nna phepha e bile go nna le kagiso.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa mapodise a District No. 2, Rre Frankel Mohutsiwa, a re jaaka malatsi a boitapoloso a simolotse jaana, ba itlama go bereka ba tshwaragane le makalana otlhe a a diragatsang molao.O solofeditse Kgosi Sekgoma gore ba itlamile go netefatsa gore ba gaMmangwato ba tlaabo ba babalesegile le dithoto tsa bone.

Rre Mohutsiwa a re ba tla netefatsa gore melao ya lefatshe la Botswana e a obamelwa, e bile ba tla phuruphutsha ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong le gone go netefatsa gore madirelo a bojalwa a obamela dinako tse di beilweng. O boletse fa a leboga puso gobo e dirile melao e e laolang thekiso ya bojalwa, bogolo jang jwa Setswana, ka a re ba ne ba tsenyega dingalo ka go tlhoka go obamela dinako tsa thekiso ga batho ba ba rekisetsang mo malwapeng.

A re le mapodise a a itebagantseng le bogodu jwa leruo a tlaabo a tsamaya kwa merakeng ya kgaolo ya Serowe go netefatsa gore diruiwa tsa batho di sireletsegile.

O ne a wela ka gore setshaba se tshwanetse go itumelela malatsi a a boitapoloso ka boikarabelo e bile ba sa gasegase matlakala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : SEROWE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 19 Dec 2013