Breaking News

Tshwaragano mo tirong e botlhokwa

19 Dec 2013

Babereki ba ofisi ya ga molaodi mo kgaolong potlana ya Boteti ba kopilwe go tswelela ba dira ba tshwaraganye gore ba kgone go fa setshaba ditlamelo sentle le ka bofefo jo bo tlhokegang.

Kgakololo eo, e ntshitswe ke molaodi wa kgaolo ya Legare, Mme Thobo Mapitse bosheng jaaka badiredi ba ofisi ya ga molaodi, ya Boteti, ba ba dirang tiro ka botswerere e bile ba le boineelo, ba ne ba abelwa dieetsele go ba akgola le go ba tiisa moko.

Mme Mapitse a re bofelo jwa ngwaga ke nako ya go itshekatsheka, motho a lebeletse tse a neng a ikaeletse go di dira. O supile fa le mo tirong babereki ba tshwanetse go thulanya ditlhogo go sekaseka tiro ya bone ya ngwaga le gone go leboga ba ba dirileng sentle.

A re babereki ba lemoge gore mabogo dinku a thebana, ka jalo ba tswelele ka go bereka ba tshwaraganetse tiro gore ba kgone go fa setshaba ditlamelo tse di nonofileng. Mme Mapitse a re go kgothatsa motho a dirile sentle mo tirong, le fa e le kwa lwapeng tota, ke selo sa botlhokwa, ka go godisa e bile go thusa motho gore a tswelele ka go dira ka maatlametlo.

Molaodi Mapitse o tlhalositse fa go abela ba ba berekileng ka thata dimpho go tla kgothatsa ba bangwe gore le bone ba tokafatse ka fa ba ntshang ditirelo ka teng go ntsha maduo a a eletsegang. Mme Mapitse a re tiro eo e kgonne go dirwa ka thotloetso ya bagwebi, ba ba thusitseng ka madi a a ka tshwarang P15 000.

Bangwe ba babereki ba le lesome le bongwe ba ba abetsweng ditlankana le madi go ba leboga, ke Mme Mosweladibe Nkalolang, yo go tlhalositsweng a dirile ka lobaka, a le boikobo e bile a bereka ka thata; fa Mme Segomotso Kebaitse a supilwe e le mmereki yo obamelang nako.

Rre Michael Onkabetse o kailwe e le mongwe wa babereki ba ba sa eletseng go bona tiro e kgorelediwa ke sepe, e bile a kgona go dirisa dithoto kgotsa madi a gagwe gore setshaba se bone thuso. Babareki bangwe ba ba abetsweng ditlankana ba ne ba tswa mo maphateng a mangwe a tshwaraganetseng tiro ya go thusa setshaba le ofisi ya ga molaodi, jaaka lephata la kabo ditsha, makgotla a Setswana le Khansele.

Molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati, le ene o gakolotse fa tiro ya puso e tshwanetse ya dirwa fela jaaka tiro ya mo lwapeng. Rre Porati a re batsadi mo lwapeng ba leboga ka go ba abela bana leruo, ka jalo, a re le ene ka ele motsadi wa ba a dirang le bone, o bone go le botlhokwa go tiisa moko ba ba berekang le bone gore ba tswelela ba dira ka natla.

Rre Porati o lebogile thata bagwebi ba ba thusitseng ka madi gore tiro ya bone e atlege. E rile a itebaganya le ba ba abetsweng dimpho, a re ba itse fa seo e le kgwetlho ka ba tshwanetse ba tswelela ka go ntsha ditirelo tse di kgotsofatsang setshaba le gone go tshwaragana ele babereki. A re ba lemoge gore ba kgonne jalo ka thuso ya babereki ka bone.

O supile gape gore ba itse fa go ka tswa go na le bangwe ba ba sa itumelelang thulaganyo e dirisitsweng gore ba felele e le bone ba ba lebogiwang; ka jalo, ba ka nna ba leka go ba paledisa, ba nna maoto a tshupa go ba thusa. O ba kopile go ema ka dinao le go tswa ka maano a ka ba thusang go tswelela ba tokafatsa maduo.

Modulasetilo wa Khansele potlana ya Boteti, Rre Ketshwereng Galeragwe le ene o supile gore le fa ba berekela mo mabakeng a thata, babereki ba tshwanelwa ke go lebogiwa gore ba tswelele ka go dira botswerere. Rre Galeragwe a re bangwe ba berekela mo mafelong a kgakala le ditlamelo fa bangwe ba direla mo mafelong a tlhabologileng mme botshelo jwa teng bo le turu, ka jalo ba dirisa madi a mantsi gore ba tsweledisa botshelo jwa letsatsi le letsatsi.

O ba kopile gore le fa gona le dikgwetlho jaaka dituelo tse di sa kgotsofatseng, a re ba gakologelwe gore sejo sennye ga se fete molomo e bile lemme ga le bolae, ka jalo ba tswelele ba dira ka natla go thusa setshaba le gone go ruta ka mananeo a itshetso a mangwe, a itebagantse le go lwantsha lehuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKANE

Event : Kabo Dietsele

Date : 19 Dec 2013