Baruti le Masangoma ga ba hodise AIDS
18 Dec 2013
Lekgotlana la boithaopo la baoki ba ba tlogetseng tiro ka bogodi mo Kanye, la Botswana Retired Nurses Society (BORNUS), le kgadile thata baruti ba dikereke dingwe, baporofiti le masangoma, gobo ba fora batho ka ba itshema ba kgona go alafa bolwetse jwa segajaja jwa AIDS.
Ba boletse fa ditumelo dingwe mo Botswana di bolelela balwetse gore ka dithapelo tsa bone ba kgona go fodisa bolwetse jwa AIDS, mme ba raele balwetse go tlogela dipilisi tsa diritibatsi; ba beye mo dithapelong tsa baruti fela le melemo ya setso.
Baoki bao, ba sedimositse jalo fa ba ne ba abela balwetse ba ba tlhokomelelwang mo malwapeng, dikobo dile lesome le dihempe dile masome a mararo le bosupa mo kanye, bosheng.
Mongwe wa leloko la lekgotlana leo, Mme Kelebileone Makwate, a re baruti le masangoma le bone baporofiti, ba tsietsa batho ba bolela fa ba ka alafa malwetse a a senang kalafi jaaka AIDS. Mme Makwate o boletse fa go sena thapelo epe e e ka alafang AIDS, a bolela fa ele maaka a matala.
A re AIDS ga ena kalafi. O boletse fa go utlwisa botlhoko gore baporofiti bangwe ba bo ba tsamaya ba aketsa balwetse. O boletse gape fa bontsi bo tlhokafetse ka ntlha ya mofuta o ntseng jalo; a bua jalo a kgala ntlheng e nngwe balwetse ba ba nwang dipilisi tsa diritibatsi ka bojalwa.
Modulasetilo wa lekgotlana leo, Mme Dorcus Letlola, a re batho ba dikereke dingwe ba dumela mo tumelong thata, mo ba dumelang gore dithapelo tsa baruti ba dikereke tsa bone di ka fodisa AIDS. Mme Letlola a re bangwe baruti ba tsaya dipilisi tsa balwetse, ba bolela fa baya go di rapelela mme ba bo ba sa di busi, ba di fa ba masika a bone.
O boletse fa ba sela dipilisi tsa kgotholo e tona, tsa sukiri, tsa madi a matona le tsa diritibatsi nako le nako mo dikgatamping mo mafelong mangwe mo Kanye. ‘’Dipilisi tseo, di kgona go tlala dipolaseteke tsa matlakala, mme re di sela kgapetsa kgapetsa batho ba modimo.’’
Le fa go ntse jalo, Mme Letlola o boletse fa lekgotlana la bone mo Kanye le kwadisitswe semmuso ka ngwaga wa 2003, e le baoki ba ba tlogetseng tiro ka bogodi. A re ba ne ba gwetlhiwa ke go bona bagodi ba sokola ba sena mananeo a a ka ba thusang kwa malwapeng fa ba tlhasetswe ke makoa.
O boletse fa e sale nako eo ba tsamaya tshipidi fela go fitlha gompieno. Mme Letlola o boletse fa ba thusiwa fela ke go kopa dithuso mo setshabeng le makalana a a ikemetseng ka nosi. O boletse fa le bone ba ne ba araba mokgosi wa tautona wa pele wa lefatshe leno, Rre Festus Mogae, ka nako ya gagwe, fa a ne a re ‘’Ntwa e bolotse”.
Sethitho le boitumelo di ne di rena jaaka ba ba neng ba abelwa dimpho ba ne ba palelwa ke go itshwara go duduetsa le go bina le mororo ba le bokoa.
E rile ba amogela mamphemphe a dimpho tseo, ba akgela ka go supa fa go le botoka gore batsadi ba bolelele bana ba bone makoa a bone eseng go itoba, gore e re ba tlhaselwa ba bo ba itse gore ba lwalang eng le gone gore ba ka thusiwa jang.
Ba boletse fa baratani le bone ba na le kgwetlho e tona, ka gore ba lobelana malwetse a bone, mo bangwe ba lobang fa ba nwa dipilisi tsa diritibatsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Kabo Dimpho
Date : 18 Dec 2013






