Banana ba kgothadiwa go fokotsa nnotagi
18 Dec 2013
Mothusa Kgosi ya motse wa Sefhopye, Rre Diloro Segwabe, o rotloeditse banana ba motse oo go fokotsa tiriso ya nnotagi phetelela ka e ka baka dintsho tsa dipolaano, go tsofala ga banana pele ga nako, letlhoko la madi le go tlhoka maitseo.
Mothusa Kgosi o buile jalo kwa ipapatsong ya go thusa banana go fokotsa tiriso ya nnotagi phetelela e e neng e tshwaretswe kwa motseng wa Sefhophe; ipapatso e e atleng e tshwarwe lefatshe leno lotlhe ka bophara. Rre Mompati Marole, yo e leng mogolwane wa tsa ipapatso le ithutuntsho mo kgaolong ya Bobirwa, ka fa tlase ga tsa botsogo, a re ipapatso eo e remeletse thata mo bananeng ka ba iphitisa dino le go dirisa ditagi.
A re maikaelelo a ipapatso eo ke go fokotsa boitshwaro jwa mofuta oo, ka dikotsi, dipetelelo le go ima ga banana di ile magoletsa ga mmogo le gone go tlhakanela dikobo mo go sa sireletsegang mo go felelang go baka kanamo ya mogare wa AIDS.
Rre Marole o boletse fa ba setse ba ipapaditse mo metseng ya Tobane, Moletemane le Tsetsejwe, a ba a gatelela fa metse e e le yone e di gogang kwa pele mo tirisong ya dino botlhaswa mo kgaolong ya Bobirwa. A re ba kopanetse ipapatso e le banana ba badiragatsi gore ba natefise le go rutuntsha banana ka bone.
O ne a bolela fa baeteledipele ba metse le banni ba motse le bone ba ba thusa ka go gatelela le go kgothatsa banana gore ba emise go dirisa nnotagi botlhaswa. O tlhalositse fa majwalwa a a itirelwang mo malapeng jaaka sekhokho, mokolwane le khadi le a sesha a a rekisiwang mo dibareng e le one a nowang thata.
A re gape banana ga ba sale molao wa gore ba se ka ba reka ba le dingwaga tse di kwa tlase. Rre Masole o ne a gatelela fa barekise ba nnotagi le bone ba na le seabe sa go letlelela tiriso e e botlhaswa eo e e senyetsang banana bokamoso.
O kgothaditse banana gore ba inaakanye le mananeo a puso a tla ba thusang go itshetsa. Mogolwane go tswa kwa lephatang la tsa botsogo, Rre Molefane Kelapile, o tlhalositse fa ipapatso e e nna e tshwarwa ngwaga le ngwaga go leka go fetola maitshwaro a a duleng mo tseleng a banana.
O boletse fa bone mo lephateng la botsogo ba ema nokeng dikgaolo tsotlhe mo lefatsheng go gasa molaetsa o. A re gape molaetsa o o gasiwa ka go fa banana ba ba tlaabong ba tsile go reetsa; dibeke, dithoro le dikipara, tse ba tla nnang ba di dirisa go gasa molaetsa gongwe le gongwe kwa ba tlaabong ba le teng.
Rre Kelapile a re gore leano le le atlege, ba nnile le banana fa fatshe mme banana ba ne ba ikopela gore kgaso ya molaetsa e dirwe ka go kopanya ithutuntsho le bodiragatsi go na le go ba rutuntsha fela ka tsela ya go ruta ka molomo e e tlwaelesegileng ya mo dikolong.
O boletse fa ba nna ba dira gore motse o go tshwarelwang ithutuntsho mo go one le one o tsenye letsogo mo ipapatsong, gore e seka ya nna ekete o seegetswe ga thoko ntswa go rutuntshiwa banana ba one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esaleone Molaodi
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Ipapatso
Date : 18 Dec 2013






