Marekisetso a Furnmart a thukuthilwe
18 Dec 2013
Mapodise a Maun a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone marekisetso a Furnmart a thubilweng a bo a thukuthiwa dithoto tsa madi a a fetang P35 000.00.
Motshwarelela mookamela mapodise, Assistant Superintendent Neo Serumola, a re dithoto tseo di akaretsa dikhompiutara tsa bukana di le tlhano, megala ya letheka e le metlhano le sebalamakgolo sa modiro wa iPad.
A re go lebega dilalome tseo di thubile bosigo jwa Labotlhano mme ba kgona go tsena ka letlhabaphefo le le kwa morago ga ntlwana ya boitiketso. O tsweletse ka go supa fa ba ile ba roba ditshipi tse di kgannang dirukutlhi kwa ntle le kobotlo e e neng e beile dithoto tseo.
A re babereki ba lemogile maphakale fa ba theogela gore go thubilwe. Assistant Superintendent Serumola a re se se gakgamatsang ke gore go na le maranyane a a tlhabang badisa-dikago podi matseba ka nako ya tshenyo mo marekisetsong gammogo le ene modisadikago; yo o kaileng fa a sa bona sepe.
O boletse fa modisadikago a ba thusa mo ditlhotlhomisong fa letsholo lone le tsweletse go batla dilalome tseo. A re ga ba ise ba bone sepe sa dithoto tseo mme a ikuela mo setshabeng go ba thusa ka sepe fela se se ka ba isang kwa motlhaleng wa tiragalo eo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Assistant Superintendent Serumola o supile fa batho ba le babedi ba ne ba nwela mo nokeng morago ga gore mokoro wa bone o menoge. A re tiragalo eo e diragetse kwa morakeng wa Xobe mme ka lesego mopagami yo mongwe o ne a kgona go thuma go iphalotsa fa yo mongwe ene a ne a nwela a bo a tlhokafala.
O kaile fa setopo seo se ne sa ntshiwa mo nokeng ke mapodise ka thuso ya masole mme sa isiwa kwa setsidifatsing sa kokelo ya Letsholathebe go tlhatlhobiwa ke ba bongaka.
Mapodise a ikuetse gape mo setshabeng go ba batlisa Rre Kativa Dinyando wa kgotla ya Botshabelo, mo Maun. Assistant Superintendent Serumola a re rre yoo wa dingwaga tse di masome a matlhano le boferabobedi, o bonwe labofelo ka kgwedi ya Seetebosigo, fa a ne a laela go ya morakeng kwa Tsutsubega mme a seka a boa go fitlha jaana.
O boletse fa motlhala wa gagwe o kile wa utlwalelwa kwa motseng wa Nokaneng mme maiteko a dirwa go mmatla le mo metseng e e mo tikologong. A re ope yo o ka utlwalelang sepe fela ka motlhala wa rre yoo a itsise mapodise a a gaufi ka bofefo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Pego Ya Mapodisi
Date : 18 Dec 2013






