Breaking News

Ba kopa matlhabelo

18 Dec 2013

Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi ba kopile modulasetilo wa bone Rre Douglas Tlharese go emela kgang ya matlhabelo ka dinao gore ba kgone go fiwa tetla ya go aga le gone gore khansele e tle e dire dipoelo tse dintsi.

Makhanselara a buile se fa ba ne ba akgela mo pegong ya ga modulasetilo fa a ne a bula khansele bosheng. Ba boleletse modulasetilo fa matlhabelo ao a tsile go tsisa pharologanyo e ntsi mo matshelong a Batswana mo kgaolong ya Ghanzi.

Ba re fa matlhabelo a ka agiwa mo kgaolong ya bone gongwe ditlhwatlhwa tsa dikgomo di tla nna botoka go na le ditlhwatlhwa tse di teng; ba supa fa matlhabelo a Lobatse le one ditlhwatlhwa tsa one di le kwa tlase. Makhanselara ba ne ba akgola pego ya ga modulasetilo ka jaana ene e ama dintlha tsa botlhokwa mo matshelong a morafe wa kgaolo ya Ghanzi.

Ba re dimpho tse a neng a di kopa mo dikomponeng ka go farologana di thusitse batlhoki ba le batlhano ka matlo. Ba ne ba mo akgola fela thata, ba supa fa moeteledipele a bonwa ka ditiro  tsa gagwe, fela jaaka ene a dirile tiro e ntle eo.

Le fa go ntse jalo, makhanselara ba ngongoregile thata ka ditsela tsa kgaolo ya bone, ba kaya fa di le maswe fela thata, e bile di tlhoka go baakanngwa ka ponyo ya leitlho. Ba kopile modulasetilo go emele kgang eo ka dinao, ba re fa ele gore ba Lephata la Ditsela la Puso ba palelwa ke go tsibogela seemo se, ditsela tseo di busediwe kwa khanseleng. Ba re fa e sale ditsela tseo di tsewa ke ba Lephata la Ditsela la Puso seemo sa tsone ga se jese diwelang.

Makhanselara ba ne ba akgola thata  lenaneo la Re a nyalana, ba kaya fa le le botlhokwa, mme ba kopa gore le isiwe kwa metseng yotlhe mo kgaolong ya bone. Ba ne ba kopa gore le banana ba akarediwe mo go lone. Ba re gona le banana ba ba tlhokang ka jalo ba tshwanetse go thusiwa ka lenaneo gore ba kgone go nyalana.

Mo go tse dingwe, makhanselara ba ne ba ngongorega thata ka seemo sa dikoloi tse di tsayang balwetse, ba supa fa di sa itekanela gotlhelele. Ba boletse fa dikoloi tseo di sena didirisiwa tse di tshwanetseng go ka bo di le teng mo koloing e e pegang balwetse.

Makhanselara bane gape ba lebogela mananeo a Lephata la Temo-thuo, ba supa fa a tsile go tlhabolola matshelo a Batswana fa ba ka a emela ka dinao. Fa araba dilelo tsa bone, modulasetilo o ne a tlhalosa fa a tla kopana le ba Lephata la Ditsela go lekola seemo sa ditsela. ENDS

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Pego

Date : 18 Dec 2013