Tlhaelo ya didirisiwa e kgoreletsa ditirelo
17 Dec 2013
Badiredi ba lephata la botsogo mo Boteti ba akgoletswe go tswelela ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho le fa go na le dikgwetlho tse di ba emeng pele.
Mokwaledi wa lephata la botsogo, Dr Kolaatamo Malefho o buile jalo bosheng fa a buisa diphuthegong tsa badiredi ba botsogo mo metseng ya kgaolo potlana ya Boteti ka go farologana a re go na le dikokelwana tse di sa gokelwang motlakase mme se se kgoreletsa fa go thusiwa balwetse bosigo.
Dr Malefho a re sengwe sa tse di tshwenyang thata ke tlhaelo ya didirisiwa segolo bogolo dikoloi, mme se, se kgoreletse maeto a kgwedi le kgwedi go thusa batho ba ba nnang kwa merakeng le masimo. O supile gape gore tlhaelo ya dikoloi e gakatswa ke tiego ya go baakanya tse di senyegileng ke lephata la CTO.
Le fa go ntse jalo, Dr Malefho a re lephata le tsweletse ka go dira maiteko a go tokafatsa seemo se, a supa fa go tserwe tshwetso ya gore dikoloi tsa lephata la botsogo di kgone go baakanngwa ke bomakheneke ba ba ikemetseng gore di kgone go boela mo tirisong ka bofefo.
Dr Malefho a re mono ngwaga lephata la botsogo le rekile dikoloi tse di disha di le masome a supa le bosupa (77) le fa gone di ntse di sa lekana, a tlatsa ka gore mo ngwageng o o tlang wa madi ba ikaeletse go reka di le masome a roba bobedi le botlhano.
A re le fa gone go na le mabaka a a papametseng a a kgoreletsang gore ba dire ka natla le go ntsha ditlamelo tsa tlhwatlhwa ka bofefo, o ba rotloetsa gore ba tswelele ka go itsolopanya ba dirisa bonyenyane jo ba nang le jone.
Dr Malefho a re sengwe se se tshwenyang thata, ke gore setshaba se ngongorega ka gore badiredi ba botsogo ga ba na botho. “Bagaetsho go tlhoka botho ga bangwe badiredi ba botsogo, e santse e le kgwetlho e e ka bayang fa pele ga lona.” O ba kopile go ikitaa ka thupana, go gakolola bao ba ba duleng mo tseleng. A re o eletsa go utlwa ba akgolwa e seng ba kgalwa gotwe ga ba na botho a tlatsa ka gore sengwe sa dilo tse di sa kgotsofatseng ke gore ba thusa setshaba ka bonya. Dr Malefho o ba kopile go dira mananeo a a tlaa thusang gore ba kgone go ntsha ditlamelo ka bofefo le gone ka botho jo bo eletsegang.
Mo loetong lwa gagwe mo kgaolong potlana ya Boteti, Dr Malefho a re go nametsa pelo go lemoga gore badiredi ba botsogo ba tshegeditse maitlamo a go thusa bagodi ba dingwaga tse di masome marataro le go feta. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego
Date : 17 Dec 2013






