Breaking News

Barui ba Nhabe ba dumetse go fuduga

17 Dec 2013

Barui  ba kgaolo ya Nhabe ba dumetse go kgaoganya leruo le diphologolo ka go hudusetsa leruo la bone kwa lefelong la komelelo go le ntsha mo makgobokgobong go leka go fedisa bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong eo.

 Ba boletse mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mogokaganya ditiro tsa lephata la temo-thuo mo Nhabe, Rre Orbet Mabutha gore seemo se ba tshelelang mo go sone dingwaga di ka nna tse supa fa e sale bolwetse jwa tlhako le molomo bo tlhagoga mo kgaolong ya bone se ba pateletsa go dumalana le mogopolo wa go sutisa leruo mo makgobokgobong.

Ba rile ga go thuse sepe gore ba ganelele mo makgobokgobong ntswa ba fetogile batlhoki, fa ese go amogela seemo ntswa tota ba tlwaetse botshelo jwa makgobokgobo.

Ba gwetlhile puso le ba-na le-seabe botlhe ba ba amegang go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng tebang le ntlha eo go tila kgothakgothano magareng ga barui le makgamu ao.

Mongwe wa dibui, Rre Ramoduo Phillip a re go tlhokafala ditshekatsheko tse di tseneletseng di akaretsa go bona gore a palo ya barui e tla a lekana thotana e e akantsweng go ba fudusetsa teng, le gore a mokoti o o akanyediwang ntlheng eo ga o na go tla go ba ama mo isagong.

Rre Mokadi Masedi le ene o batlile go itse gore go tsile go dirwa jang ka batho bangwe ba ba setseng ba filwe ditsha tsa thuo ya diphologolo ko ntlheng eo go itsa kubetsano e nngwe gape, a bo a kopa bakaulengwe ba gagwe go fuduga, mme ba dirise makgobokgobo mo bojanaleng le temo ka go na le mebu e e nonneng.

Rre Tiroyamodimo Samoyanaro o batlile go itse gore puso e ikaelela go dira jang ka  metsi a a ko thotaneng eo ka a le letswai, le gore didiba tsa beng tse di saleng di epilwe koo di bo di sa dirisiwe ka ntata ya go paledisiwa ke metsi a a letswai di a tweng. 

Rre Kautire Murangi o ne a batlile go itse palo ya didiba le gore go tlhokafala palo ya batho ba le kae go bopa setlhopha le gore fa didiba di ka tlhaela barui go tsile go diragala eng ka bone.

Mokhanselara wa pele wa Gumare, Rre Kebalepile Nkwane gape o gwetlhile puso go tlhokomela terata e e kgaoganyang leruo le diphologolo gore di seka tsa tloga tsa ba latela gape kwa ba tlaabong ba tshabetse teng bogolo jang ka komelelo.

A re mo nakong eno diphologolo di gobeya mo mahudisong ka ntata ya go kgaoga ga terata e go ka tweng e kgaogantse diphologolo le leruo, mo ebileng di dira tshenyo e kgolo mo didibeng ka go robakaka dithoto tsa bone. 

 Mokhanselara wa pele wa Tubu, Rre Aaron Seepetswe yo a boletseng fa a setse a hudugile kwa makgobokgobong o gakolotse bakaulengwe ba gagwe go fuduga  mo makgobokgobong gore mo lobakeng lo lo tlang ba kgone go rekisa dikgomo tsa bone kwa marekisetsong a tshwana le a Europa jaaka go diragala ka Batswana ba dikgaolo tse dingwe tsa lefatshe leno.

Rre Seepetswe lefa gontse jalo, o kopile puso go ntsha dipolase tsa diphologolo tse di ko thotaneng e barui ba akanyediwang go isiwa kwa go yone go itsa kgotlhang gape.

A tlatsa ka gore  nako e tsile ya gore barui ba Nhabe ba tseye kgato ka go tlogela tlwaelo ya go nna mo makgobokgobong ntswa a sa ba busetse sepe go ya go simolola botshelo jo bosha. 

E ne e rile pele, Rre Mabutha a re keletso ya lephata la gagwe ke go ba gakolola gore go ka nna jang fa ba ka seke ba ruele dikgomo ko lefelong le go nang le dinare teng ko le ka sekeng le kopane le dinare kgapetsa-kgapetsa jaaka go diragala mo nakong eno, ka e le tsone di bakang bolwetse jwa tlhako le molomo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimure

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Dec 2013