Makhanselara a Ghanzi ba kopiwa go ithuta molao
16 Dec 2013
Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi ba kopilwe go ipaakanyetsa le go tlhaloganya paakanyo ya molao wa ditogamaano tsa ditoropo le lefatshe, o mosha wa 2013, ka gore dikhansele ke tsone tse di neetsweng dithata tsa go o diragatsa.
Mafoko ao a builwe ke mothusa mokwaledi mo lephateng la Ditsha le Matlo, Rre Maotoaneng Sebina, fa a ne a buisa phuthego ya Khansele e e tletseng.
O boleletse makhanselara gore go botlhokwa gore ba tlhaloganye molao o thata, ka gore puso e tsere tshwetso ya gore dikhansele e nne tsone tse di nang le dithata mo go o diragatseng.
Rre Sebina a re paakaanyo molao oo e diretswe gore tsamaiso ya ditogamaano e nne motlhofo kwa dikhanseleng le gore dikopo tsa batho ba ba batlang go dira ditlhabololo le go fetola tiriso ya ditsha di seka tsa tsaya sebaka se seleele.
A re ka jaana ele bone badiragatsi ba molao oo, ba tshwanetse go ipaakanya le go ema ka dinao gore molao o o tle go bereke sentle go ba sologela molemo; ka e bile dikhansele ke tsone di neng di batla gore molao o o sekasekwe.
Mothusa mokwaledi a re dikhansele di neetswe dithata ka gore ke tsone tse di itseng dikgaolo tsa tsone sentle le gore gape ke tsone tse di isang ditlhabololo le ditlamelo kwa bathong.
A re molao o gape o diretswe gore batho ba ba nang le kitso ya go dira ditogamaano ba ye go ikwadisa ka fa molaong. Rre Sebina a re ba ne ba setse ba lemogile gore go na le bangwe ba ba dirang ditogamaano mme ba ja Batswana ntsoma ka go ba duedisa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo ntswa ba sena kitso ya go nna jalo.
Makhanselara ba ne ba lebogela paakanyo molao oo, ba supa fa e sa le banni ba Ghanzi ba kopa ditsha mo toropong ya Ghanzi mme go se sepe se se diragalang.
Makhanselara ba boleletse mothusa mokwaledi gore khansele e tsile go emela molao oo ka dinao go o diragatsa. Ba supile fa bontsi jwa ditlhabololo di ne di diega ntateng ya gore ba ne ba sena dithata tse di kalo.
Makhanselara ba ne ba kopa gore gonne le dithuto-seka-dipuisano tsa molao oo, gore ba kgone go o tlhaloganya sentle.
Le fa go ntse jalo, makhanselara ba ne ba ngongorega thata ka bangwe ba ba rekileng ditsha mo dipolasing dingwe tse di bapileng le toropo ya Ghanzi, mme ere ba eletsa go fetola ditsha tseo go di dirisa mo ditlhabololong tse dingwe ba tshwaragane le mathata, go twe ba ka di dirisa ele masimo fela ka gore ene le dipolasi.
Makhanselara ao ba re ka molao o, go tla thusa batho ba go nna jalo gore ba kgone go dira ditlhabolo dingwe le dingwe tse ba eletsang go di dira mo ditsheng tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego Ya Khansele
Date : 16 Dec 2013






