Breaking News

Paledi o akgolela mapodisi tiro e ntle

16 Dec 2013

Mapodise a District No. 3 a iteetswe legofi go bo ba tsweletse ka go araba selelo sa ga Tautona sa go thusa ba ba kobodimagetleng.

Mothusa Ramapodise, Rre Bruno Paledi, o supile fa mapodise a a dira tiro e ntle fela thata jaaka ba ne ba rola ntlo ya kamore tse tharo, kwa motseng wa Oodi ka Labotlhano.

A re ke mpho e ntle bogolo jang mo nakong e re lebileng malatsi a keresemose. A re o itse sentle gore mapodise ga a amogele mo go kalo; mme ba bone go le botlhokwa gore ba koleke madi gore ntlo eo e kgone go agiwa.

Rre Paledi a re go sego letsogo le le abang gona le le amogelang, a supa fa mo letsatsing leo mapodise ao a segofaditswe fela thata. O supile fa mapodise e le badumedi ka ba dira tiro e e laotsweng ke Modimo ntswa ba sa kgone go ya kerekeng ka lebaka la tiro ya bone.

Mothusa Ramapodise o ne a kopa morafe wa Oodi go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukhutlhi. A re tiro e mapodise ba e dirang e supa fa ba kgathala ka matshelo a Batswana mme ba tshwanetse ba bereka mmogo go ba tsibosa ka tsotlhe tsa borukhutlhi mo kgaolong ya bone.

“Mapodise ga ba kake ba kgona borukhutlhi ba le nosi. Morafe o tshwanetse wa tsaya karolo e e bonalang mo go lwantsheng borukhutlhi ka e bile ba itse gore dirukhutlhi ke bo mang.” Moeteledipele wa pele wa District N0. 3 Rre Samuel Moepeng a re tiro eo ba e simolotse e le go araba kopo ya ga tautona ya go agela batlhoki matlo.

 O boletse fa ba ne ba ikgobokanya mme ba dumelana go koleka madi go agela mongwe yo o tlhokang ntlo.  Rre Moepeng a re ka thuso ya ga mmaboipelego ba ne ba tsena mo lapeng la ga Mme Abueng Matsu, yo ba feletseng ba mo agela ntlo eo.

A re le fa go ntse jalo, gone go se motlhofo ka tiro eo e ne e dirwa ka madi a a tswang mo dikgetsing tsa mapodisi; mme ba leboga botlhe ba ba ba thusitseng gore ntlo eo e felele.

E rile a lebogela tiro eo, Mme Abueng Matsu, yo o dingwaga di masome a supa le boraro a tlhalosa fa tota a itumetse go feta, mo le mafoko a mo feletseng ka ntlo ya gagwe e ntle eo.

A re o lebogela mpho eo fela thata; mme o rapela Modimo go segofatsa botlhe ba ba nnileng le seabe mo tirong e. Mme Matshu o ne a direlwa madi a a kana ka P846 mo mokolokotwaneng, go mo thusa mo go tse dingwe tsa mo lapeng.   BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : OODI

Event : Tholo Ya Ntlo

Date : 16 Dec 2013