Breaking News

Ba sepodise ba lwantsha borukutlhi ka dibaesekele

15 Dec 2013

Ba sepodise sa Botswana ba simolodisitse tekeletso ya ditlhopha tsa twantsho borukutlhi tse di tlaabong di disa setshaba ka thuso ya dibaesekele mo Gaborone bosheng.

Dipego go tswa kwa ofising ya sepodisi ya phatlalatso di supa fa setlhopha sa ntlha se se katisitsweng go dirisa dibaesekele se tla lekelediwa kwa diofising tsa sepodise tse di latelang: Borakanelo, Broadhurst, Central le Gaborone West. Go bolelwa fa bontsi bo tla katisiwa e bile bo tla rolelwa diofisi tse dingwe tsa sepodise mo nakong.

Pego eo e e tswang kwa lephateng la sepodisi la phatlalatso e kaya fa lenaneo le le tla thusa go fefogela borukutlhi jo bo diragalang mo metseng jaaka go thubiwa ga matlo le go kgothosa batho mo tseleng.

E tlhalosa fa moono wa dibaesekele o ka thusa, ka di se turu, e bile mo diemong tse koloi e ka palelwang ke go feta jaaka mo dikgogometsong di ka thusa botoka.  Bakgweetsi bao ba dibaesekele ba tla thusa setshaba mo dilong di le mmalwa, di akaretsa go ba ruta ka twantsho borukutlhi le go thusa bagodi, bana le bana-le-bogole go kgabaganya mo ditseleng tse di dirisiwang ke dipalamo thata.

Mapodise ao a twantsho borukutlhi a ka lemogwa ka marokgwe a mmala wa sepodise a a tlwaelesegileng mme a na le moradi o o tsabakelang; hempe e e tala le lekarapa le le mmala o mosweu le botala jwa loapi. Go bolelwa fa paka ya sepodise le dibaesekele tseo di ka lemogwa gape ka letshwao la sepodise sa Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Pego ya sepodisi

Date : 15 Dec 2013