Breaking News

Baithuti ba Kabakae ba abela balwetsi

15 Dec 2013

Bana ba ba robaditsweng kwa sepateleng sa Ghanzi Primary ba amogetse dimpho tsa keresemose go tswa go baithuti ba sekole se sebotlana sa Kabakae, ka fa tlase ga lenaneo la School Connecting Classroom.

Connecting Classrooms ke enaneo la mafatshe la thuto le le akaretsang, le le simolodisitsweng e bile le eteletswe pele ke British Council.

Lenaneo le, ke lone le alang e bile le go godisang tshwaragano ya sennela ruri gareng ga bagolwane ba thuto le dikole kwa United Kingdom le lefatshe lotlhe ka bophara.

Senyale Senono, yo e leng morutabana, a re Connecting Classroom, e thusa bana kana baithuti go dira ka natla le maatlametlo.

A re e le maitlamo mangwe a lenaneo le, baithuti ba ne ba bona go tshwanela gore ba ye go itumela le bana ba ba robaditsweng kwa sepateng seo; ka le bone ba etle ba nne le baithuti ka bone ba robaditswe.

Mme Senyale Senono a re baithuti ba ne ba leka go fitlhelela letshego la tebelopele ya setshaba, la “Tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e lorato e bile e kgathala ka batho ba yone”, a supa fa e bile ba ile ba rekela baithuti ba ka nna bararo paka ya sekolo mo nakong e e fetileng; bao ba beng ba tla sekolong ba sa tshwane le ba bangwe.

A re lenaneo le le thusa baithuti fela thata ka le a ba godisa e bile le ba thusa le gone go abelana botoka le tikologo ya bone.Fa amogela dimpho tseo, mogolwane wa baoki, Mme Martha Ditlhobolo, o lebogile baithuti le bogogi jwa sekolo sa Kabakae go bo ba tlhophile sepatela sa bone gareng ga tse dingwe; a supa fa dimpho tseo di tla thusa go tlosa bana ba ba robaditsweng bodutu, ka gantsi ba nna ka bojosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GHANZI

Event : Kabelo bana dimpho

Date : 15 Dec 2013