Makhanselara ba batla diposo di atolosiwa
15 Dec 2013
Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi ba kopile mothusa mokwaledi mo lephateng la ditlhaeletsano le diposo gore go okediwe bodiredi mo diposong le gore di atolosiwe ka jaana ele tsone di neetsweng bontsi jwa ditirelo go thusa Batswana.
Makhanselara ba ntshitse kopo eo mo phuthegong ya Khansele e e neng e buisiwa ke mothusa mokwaledi, Rre Delight Thebeetsile, kwa Ghanzi bosheng.
Makhanselara ba re fa diposo di ka atolosiwa le bodiredi jwa okediwa, seemo sa mosuke se ka tokafala.
Makhanselara ba supile fa pele ga mothusa mokwaledi fa tota ba lebogela lenaneo la nteletsa 2, ka gore le thusitse thata bontsi jwa metse mo kgaolong ya bone ka ditlhaeletsano. Ba ne ba akgola Dikitsong Centre ka tsamiso e e lolameng; mme ba supa fa mathata ele babereki ba ba sa duelweng sentle.
Ba re tsamaiso ya gore babereki ba duelwe ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ga e a siama ka gore dikomiti tse dingwe ga di na madi a go duela babereki bao. Ba ne ba supa fa makalana a mangwe a Dikitsong Centre a phutlhame, ka babereki ba feletse ba tlogela ditiro ntateng ya gore ga ba bone dituelo tsa bone sentle.
E rile mothusa mokwaledi Rre Thebeetsile a araba dilelelo tsa makhanselara, a ba tlhalosetsa fa lephata la bone le na le keletso e tona ya gore metse yotlhe e nne le ditlhaeletsano, ka gore ditlhaeletsano di botlhokwa mo matshelong a Batswana. Rre Thebeetsile a re o itse fa kwa diposong gona le mosuke o montsi; mathata ke gore ba sa ntse ba sena madi a go atolosa diposo ka lefatshe leno le sa ntse le sena madi ntateng ya kwelo tlase ya itsholeleo; a rurifatsa puo ya gagwe ka go supa fa e le ka moo go sa ntseng go emisetsweng ditlhabololo ka bontsi mo lefatsheng leno.
Mothusa mokwaledi o ne a dumalana le makhanselara gore makalana a Dikitsong Centre ga a bereke sentle, ka gore a sa ntse a sena madi a ka duelang babereki. A re mme le fa go ntse jalo, ba sa ntse ba le mo thulaganyong ya go bona gore ba ka tlhabolola jang seemo seo. Rre Thebeetsile o kopile makhanselara go rotloetsa morafe wa bone go dirisa makalana a Dikitsong Centre a a mo metseng ya bone gore a tle a ba tswele mosola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya khansele
Date : 15 Dec 2013






