Go tlhoka bonno go kgoreletsa thuto
12 Dec 2013
Mokhanselara wa Letlhakane Borwa a re go tlhoka bonno ga batho bangwe mo Letlhakane segolo bogolo ba letso la Sesarwa go kgoreletsa thuto ya bana ka ba nna mo mafelong a a tlwaelesegileng ka go bidiwa a bo maipaafela.
Rre Molwalefe a re seemo se, se dira gore ba nne ba sa wela dibete, ba tshogile gore ba ka nna ba fudusiwa nako nngwe le nngwe ka jalo bana ba bone ba tshabelelwe ke go sa tsene sekolo sentle le gone go tswelela ba sa bone maduo a kgotsofatsang.
Mokhanselara Molwalefe o buile jalo ka Matlhatso, Sedimonthole a tlhola gasupa mo Letlhakane jaaka ba kompone ya Barloworld Equipment go tswa Orapa ba ne ba abela bana ba le 143 diaparo, mme ba thusiwe ka ditlamelo tsa botshelo ke ba Khansele. A re gore bana ba sireletsege le gone gore ba kgone go tsena sekolo sentle, ba tlhoka bonno jo bo sireletsegileng le tlhokomelo ya batsadi.
O supile fa bontsi jwa bana ba ba neng ba abelwa dimpho ke ba Barloworld Equipment ba nna mo mafelong a bo maipaafela a Phase 1 le Phase 2 fa bangwe ba bone ba tswa mo kgotlaneng ya Metsiaela. O supile fa selo se se dirileng gore batsadi ba bana ba ba tlhoke bonno e le go bo ba tsere nako e ntsi ya botshelo jwa bone ba nna kwa merakeng ba bereka e le badisa, mme a gatelela botlhokwa jwa gore ba nne mo mafelong a a nang le ditlamelo jaaka, Letlhakane, gore bana ba bone ba kgone go ithuta sentle.
A re le fa puso e rotloetsa gore ba ikatumetse mo mafelong a nang le ditlamelo jaana, sebe sa phiri ke gore ga bana bonno, mme ba felela ba ikabetse lefatshe. Rre Molwalefe a re go nna mo lefelong le ba sa le abelwang go dira gore ba nne ba fuduga kgapetsakgapetsa mme se se kgoreletse thuto ya bana ka bangwe ba bone ba felela ba tlogetse sekolo gotlhelele.
Le fa go ntse jalo, Rre Molwalefe o lebogile ba Barloworld Equipment go menagane, ka mpho eo ba e abetseng bana bao, a supa fa diaparo tseo di tla ba thusa fela thata. Mookamedi wa ofisi ya Barloworld Equipment kwa Orapa, Rre Georgio Motsoela, o gakolotse bana ba ba neng ba abelwa dimpho go dirisa nako ya bone sentle le go itse fa thuto e le botlhokwa mo go ba baakanyetseng isago.
O ne a ba gakolola gape go ela tlhoko dikgwetlho dingwe tse di ka dirang gore maiteko a bone a go anywa thuto a fetoge lefela. Rre Motsoela a re go tshwenya thata go bona bana ba dikolo ba basetsana, go balelwa le bone ba dikole tse dipotlana tota, ba tseelwa nako ya go ithuta ke boimana, selo se se dirang gore ba rwale boikarabelo jwa go nna batsadi ka bonana le gone go nna mo kotsing ya go ka tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo ka go farologana.
O supile gape gore tiriso ya ditagi le bojalwa le tsone di kgoreletsa bana go ithuta.
Rre Motsoela a re bangwe ba bana ga ba tsene dikolo sentle ka go kgokgontshiwa, ba dirisiwa ditiro tse di ba fetileng le gone go tlhoka tlhokomelo le kgakololo e e tseneletseng go tswa mo batsading. O gakolotse baithuti ba ba kgokgontshang ba bangwe go emisa mokgwa oo wa go kgerisa ba bangwe le go ba amoga ditsa bone; ka go ka dira gore ba seka ba ithuta sentle le gone go tshaba sekolo.
Kgosi Ewetsemang Rethatoleng, a re lehuma kana go nna le bao ba ba kobodikhutshwane ke kgwetlho e tlhokang go tshwaraganelwa. Kgosi Rethatoleng a re se se dirilweng ke ba Barloworld ke go baakanyetsa bana bokamoso ka ba tla kgothala go ithuta ka tlhwaafalo. A re o leboga go bona dikompone le Batswana ka bongwe ka bongwe ba tswelela ba thusa puso, ka go supa fa le bone ba eletsa go bona matshelo a batho ba ba tlhokileng lesego a fetoga.
Mogolwane wa ofisi ya boipelego, Rre Keedigetse Mhapha, a re lephata la boipelego le itebagantse le go tokafatsa matshelo a batho. Rre Mhapha a re mafelo a Phase 1, Phase 2 le Metsiaela mo Letlhakane a na le letlhoko le le kwa godimo go akarediwa le jone bonno tota. O boletse fa madi a ntshiwang ke puso go rekela bana ba ba tlamelwang ke Khansele diaparo a sa lekana le gone go rekela batsadi ba bone dijo, ka jalo ba Barloworld Equipment ba dirile go tlala ka diatla go ntsha mpho e e kalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : LETLHAKANE
Event : Kabelo bana dimpho
Date : 12 Dec 2013






