Breaking News

Borre ba a iteka

12 Dec 2013

Borre ba motse wa Mogobane ba le lekgolo le bobedi ba tsere kgato ya go itlhatlhobela mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo ngwageng ono.

Se, se boletswe ke mooki go tswa kwa kokelong ya Mogobane, Rre Sekao Bagonoti, kwa letsatsing la HIV/AIDS le le neng le rulagantswe ke ba komiti ya Village Multi Sectoral Aids Committee (VMSAC) kwa motseng oo, ka Laboraro Sedimonthole a tlhola malatsi a le lesome le motso.

Rre Bagonoti o supile fa mo go borre ba ba lekgolo le bobedi ba ba itlhatlhobileng, ba le boferabongwe ba fitlhetswe ka mogare o mosha, fa ba le masome a robabongwe le boraro ba fitlhetswe ba sena mogare.

O supile fa bomme ba le lekgolo le masome a mararo le bone, ba itlhatlhobile mono ngwaga, mme mo go bone ba le bararo fela ba fitlhetswe ka mogare o mosha wa HIV. 

Mooki o tlhalositse fa dipalo tsa batho ba ba itlhatlhobetseng mogare wa HIV ngwaga ono di itumedisa, a bo a kopa ba ba setseng ba itse seemo sa bone go itshwara sentle. O boletse fa keletso ya bone e le go bona go sena batho ba ba tsenwang ke mogare o mosha.

E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Nobi Moilwa, a supa fa a sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa batho ba ba nwang bojalwa, ka gore ka dinako dingwe puo ya bone ga e bonolo, bogolo jang fa ba itshietse go feta, e bile e kgobera bangwe maikutlo.

Kgosi a re o leboga tautona wa lefatshe leno go bo a gatelela molao o o laolang thekiso ya bojalwa.

Le fa go ntse jalo, Kgosi o supile fa a eletsa gore dinako tsa thekiso ya bojalwa di ka fokodiwa gape, go na le gore go okediwe ditlhwatlhwa tsa bojalwa, ka jaana di kokonela ba malwapa.

Kgosi Moilwa o kopile batho go tswelela ba itlhatlhobela mogare wa HIV, le go tswelela ka boitshwaro jo bo siameng fa ba sena go itse seemo sa bone.

O gakolotse gape fa katlholo ya batho ba ba tlhapatsang ba bangwe e okeditswe go tswa kwa go P50 go ya kwa P1000, a bo a kopa batho go tlogela go dirisa mafoko a matlhapa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Letsatsing la segopotso sa HIV/AIDS

Date : 12 Dec 2013