Makhanselara ba atla tshutiso
12 Dec 2013
Makhanselara a Borwa a dumalane ka bongwefela ja pelo gore lenaneo la nyeletso lehuma le tshwanetse la akaretsa thuo ya dikgomo.
Ba buile jalo mo khanseleng ya Borwa e e tsweletseng ka dipusano tsa yone beke eno.
Tumalano eo e dirilwe morago ga tshutiso e e neng e beilwe pele khansele ke mokhanselara wa Lorolwane, Rre Dinko Lodi. Mokhanselara Lodi o papamaditse tshutiso ya gagwe fa pele ga makhanselara, gore dikgomo di ka fokotsa lehuma thata go na le dipodi le dikoko, tse mo nakong eno eleng tsone go thusiwang batlhoki ka tsone.
O boletse fa dikgomo di tlhokomelesega motlhofo ka gore di tshwaiwa ka tsela tse di ntsi, jaaka; go jesiwa omang; go tshwaiwa mo ditsebeng le gone go bewa tshipi. A re fa a tshwantshanya dikgomo le diruiwa tse dingwe jaaka dipodi le dikoko, di sireletsegile botoka.
Rre Lodi o ntshitse mogopolo wa gore lenaneo le ka ba rekela dikgomo di ka nna bone go ya go borataro. Mokhanselara wa Kgwakgwe, Rre Keoagile Rammung, yo a neng a le moono mongwe le Rre Lodi, o boletse fa dikgomo di fa seriti e bile di bonwa motlhofo fa di timetse; le ene a kopa gore di akarediwe.
Mokhanselara Abram Dibeela wa Pitseng, le ene fela jalo o ne a dumalana le mogopolo, a bolela fa dihutshane le dikoko di tlhokwa thata fa lenaneo le batla go rekela batlhoki. Mokhanselara Rre Mosimanegape Tshane wa Mmatshitswane, ene o ne a tshwaela ka gore dipodi le dikoko di tshabelelwa ke malwetse a mantsi go na le dikgomo.
Mogopolo o ne wa amogelwa ka diatla tsoo pedi ke makhanselara ka go farologana le fa ba le sebete se molangwana ka go tlhaela ga metsi le mafudiso. Mo go tse dingwe dikgang, bontsi jwa makhanselara bo ngongoregile thata ka ditsela tse di sa kgatlhiseng mo kgaolong ya bone le dikago tse di onetseng. Le fa go ntse jalo, ba lebogetse kago ya Mmolo wa Mongala o o agiwang mo Kanye le dipone tsa mosepele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 12 Dec 2013






