Dikgosi di ngongorega ka nnotagi
11 Dec 2013
Dikgosi di ngongoregile ka tiriso ya nnotagi phetelela e e felelang e baka dikotsi mo metseng ya bone.
Se se builwe ke Kgosi Keleofile Phihadu wa motse wa Werda mo letsatsing la ipabalelo tseleng le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Makopong bosheng. Kgosi Phihadu o kaile fa dikotsi tse dintsi di bakwa gantsi ke go nwa bojalwa phetetela. O supile fa kwa motseng wa gagwe bontsi jwa batho bogolo jang banana, ba nna fela kwa marekisong a bojalwa ka mafelo a beke le ka malatsi a boitapoloso .
Kgosi Phihadu a re ba tsamaya bosigo ka dikoloi tsa bone ba nole bojalwa mme seo se dire gore ba seka ba obamela matshwao a tsela. O kaile fa bojalwa bo sa siama ka bo ka baka dikotsi le go ama botsogo jwa motho. O ne a gakolola bakgweetsi go ela tlhoko tsela ya Makopong –Werda ka nako tsotlhe go tila dikotsi; e a kaileng fa e le dikhuti e bile gape leruo le gobea mo yone bosigo le motshegare.
O ne a kgothatsa ba ba nwang bojalwa, bogolo jang banana, go tlogela go nwa bojalwa phetelela ka bo ka ba senyetsa bokamoso; a ba gakolola fa e le bone babusi ba lefatshe leno ba kamoso. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, Kgosi David Seetelo Toto II, o ne a tlhalosa fa moono wa letsatsi leo e le go gopola ba ba latlhegetsweng ke botshelo mo dikotsing tsa tsela.
O ne supa fa malwapa a feta sedikadike a tlhokafaletswe ke ba masika lefatshe ka bophara. A re se se utlwisang botlhoko ke gore banana, bogolo jang bana ba dikole le babereki, ke bone ba ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela, a kaya fa bojalwa bo na le seabe se se ntsi mo dikotsing tseo.
O kaile fa go simologa ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga ono go fitlha kgwedi ya Ngwanaatsele e le lesome le boraro go setse go tlhokafetse batho ba le 349, fa ngwaga o o fetileng ba ne ba le 338 mo sebakeng se se tshwanang. Kgosi Toto II o ne a kgothatsa mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao, ka go supa boikarabelo mo dikgannyeng tsa mofuta o, a re puso e ka seke e kgone e le nosi.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa dikotsi tsa tsela di ama itsholelo ya lefatshe ka puso e felela e senyegelwa thata fa e thusa ba ba wetsweng ke seru. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa komiti kgolo ya ipabalelo tseleng le bana le seabe ba tla tswelela ba bereka mmogo go tlhomamisa gore molao oa diragadiwa le gone go tsibosa, go ruta le go gakolola setshaba ka nako tsotlhe ka ipabalelo tseleng.
O ne a tlatsa ka go kopa bakgweetsi, badirisi ba tsela le setshaba ka kakaretso go ikela tlhoko, ba netefatsa gore matshelo a bone a babalesegile mo dikotsing tsa tsela jaaka go lebilwe malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Moeteledipele mo lephateng la dipalamo le ipalelo tseleng mo Tsabong, Rre David Wadikwanyana, o ne a kaya fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go gopola ba ba tlhokafetseng ka ntata ya dikotsi tsa tsela; go gasa molaetsa; go gakolola le gone go buisana le morafe; le go tswa ka ditharabololo tse di ka thusang go emisa dikotsi tsa tsela mo lefatsheng leno.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa komiti ya ipabalelo tseleng e bopilwe ka maphata a puso a a farologaneng go tsibosa setshaba ka dikotsi tsa tsela, morago ga gore puso le setshaba ka kakaretso ba tshwengwe ke dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba matshelo a bone a gapilweng ke dikotsi tsa tsela. Motswasetlhabelo mongwe wa kotsi ya tsela, Mme Kegomoditswe Gaorekwe, o ne a tlhalosa fa a ne a amega mo kotsing ya tsela ka ngwaga wa 1991 a na le dingwaga di le lesome le borataro, a supa fa a ne a kopile mosepele mo koloing nngwe.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa koloi eo e ne ya pitikologa mme a sala ka dikgobalo tse di masisi tse le mo nakong ya gompieno di sa mo tshidiseng sentle.
Mme Gaarekwe o ne a gakolola batsena moletlo oo go dirisa dipalamo tsa setshaba ka e le tsone tse di ba babalesegile botoka go na le go dirisa dikoloi tsa beng. Inspetor Tulu go tswa mo sepodising sa pharakano mo Tsabong, o supile fa mabaka a gantsi a bakang dikotsi mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa e le go kgweetsa ka fat lase ga kgatelelo ya dinotagi kana bojalwa; go kgweetsa ntle le teseletso; go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng; go tlhoka go dirisa mabanete a itshereletso le gone go kgweetsa dikoloi tse di sa itekanelang.
Fa a itebaganya le dikotsi, Mme Tulu o supile fa go nnile le dikotsi di le masome a robang bobedi mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa mme go tlhokafetse batho ba le boferabobedi. O ne a gwetlha bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe go hema dikotsi. Sub Inspector Kemmonye Fokotsang go tswa kwa Werda, o ne a tlatsa Mme Tulu ka go supa fa molato o montsi o ba o gatisang mo motseng wa Werda le e e mabapi, e le wa go kgweetsa ntle le setlankana kana teseletso; a supa fa ba setse ba tshwere batho ba le masome a mane le bongwe mo bogompienong.
Sub inspector Fokotsang o ne a supa fa gape ba tshwenngwa ke dikotsekara tse di tsamayang masigo di sena dipone. O ne a kopa gape barui go tlhokomela leruo la bone ka gantsi le gobea fela mo tseleng mo le felelang le baka dikotsi ka tsela e sa teratelelwa. Mongwe wa bagolo ba motse, Rre Pius Kgannyeng, o ne a supa fa batho bangwe bogolo jang mo motseng wa bone ba na le mokgwa wa go tsamaya gaufi le tsela ya sekonotere, a kaya fa go le borai ka ba ka felela ba amega mo dikotsing tsa tsela.
Rre Kgannyeng o ne a kopa ba Lephata la Ditsela go dira dingwe tse di ka thusang go fokotsa lebelo la dikoloi mo tseleng ya motse wa Makopong le wa Werda, ka marekisetso a bojalwa a le gaufi thata le tsela mme e bile go le borai mo banwing ba bojalwa. Mangwe a maphata a a neng a fetisa molaetsa wa ipabalelo tseleng mo letsatsing leo ke maphata a akaretsa la dipalamo (CTO), le ba lephata la ditsela la puso (ROADS). Letsatsi le ne la natifisiwa ke ba khwaere ya motse ya Herero ka dipina tse di farologaneng tsa molaetsa wa letsatsi leo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Letsatsi la go ipabalelo tseleng
Date : 11 Dec 2013






