Kgokgontsho e tsuulola ya ditshwanelo
11 Dec 2013
Mokhanselara wa Lokgwabe, Rre Keagalemang Leshope, a re kgokgontsho ya bomme le bana ke tsuulolo le kgatako ya ditshwanelo tsa bone.
Rre Leshope o buile mafoko a mo segopotsong sa malatsi a a lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho kgatlhanong le bomme le bana kwa motseng wa Monong. Rre Leshope a re go tlhoka go sireletsega ke kgwetlho e tona e e phirimisang keletso ya tekatekano ya bong, ka gape go kganela bomme go nna ba phuthulogile le gone go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe.
O tsweletse a re kgokgontsho e diragala letsatsi le letsatsi, e bile dipalo di golela pele le ditsela tse disha tse e tlang kana e diragalang ka tsone. A re se se utlwisang botlhoko ke gore ga gona letsatsi la mahala mo dipolaanong tsa baratani. “A e kare o rata motho wa mmolaya? Ga ke dumele”. Rre Leshope a re ka fa borre ba bolayang bomme ka teng, ba ba kgaola dirwe, ke bosetlhogo jo bo feteletseng.
O kopile borre go fetola boitshwaro jwa bone mo go kgokgontsheng bomme le bana.
A re borre ba tshwanetse go itse fa bomme le bana ele ditsala tsa bone ka nako tsotlhe, e bile go sena rre yo o ka tshelang a sena mme kana ngwana. Mme Lulu Keitumetse Lekwe, mmereki mo ofising ya bong kwa Tsabong, a re lephata la bone le ne la dira thulaganyo ya go tsena ntlo le ntlwana kwa motseng wa Monong, maikaelelo e le go tlhomamisa gore a batho ba itse ka kgokgntsho le gone gore e raya eng.
Mme Lekwe a re ba lemogile fa batho ba sa itse sepe ka mefuta ya kgokgontsho.
A re ba itemogetse fa e le kgwetlho mo lephateng la bone go tlhwaafalela kgang ya go ruta batho ka metlhale ya go kgokgontshiwa Mme Lenah Baitirile, mogolwane mo ofising ya bong gone kwa Tsabong, a re lefatshe la Botswana le tsweletse ka go dira melao e e lekang go fedisa kgokgontsho ya bomme le bana; jaaka molao wa kgokgontsho ya mo malwapeng wa 2008 le molao wa bana wa 2009 le e mengwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mercy Molatole
Location : HUKUNTSI
Event : Segopotso kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana
Date : 11 Dec 2013






