Breaking News

Ba lela ka lenaneo la nyeletso lehuma

11 Dec 2013

Makhanselara a kgaolo ya Borwa ba ngongoretse ofisi ya Boipelego go bo e tlodisa bangwe batlhoki matlho ba ba tshwanelwang ke go thusiwa ke Khansele.

Ba buile jalo mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele, ba akgela mo pegong e ba e beilweng pele ke modulasetilo wa Khansele ya Borwa, Rre Leach Tlhomelang. Ba re ofisi ya Boipelego e na le go dira ditshekatsheko tsa batlhoki ba ba tshwanelwang ke go akola lenaneo leo mme e ikgatholose bontsi jwa batlhoki bangwe ba ba tshwanetseng go ka bo ba thusiwa ke puso.

Ba boletse fa batlhoki bangwe ba sa kwadisiwa mme ba tlhoka thata go na le bangwe ba ba kwadisitsweng; ba supa fa ba itse batlhophi ba bone fela thata ka e bile ba nna gaufi nabo. Mokhanselara wa Molapowabojang Botlhaba, Rre Nelson Letshabo, o boletse fa ditshekatsheko tseo di na le kgethololo e tona thata ka bangwe go bonala ba sa thusiwe mme ba tlhoka thata.

O boletse fa seo se ba bolaisa morafe ka ba ba supa ka menwana gore ga ba ba emele sentle ka tekatekano. Rre Letshabo a re bodiredi jwa boipelego go lebega bo tlhaela mme seo se dire gore ba ba leng teng ba dire tiro e e lolea fela thata. O boletse fa bana-le-bogole le bone ba sa bone thuso e ba e solofeditsweng, mme lenaneo le supa fa ba tshwanetse go fiwa thuso ya maemo a ntlha.

Rre Letshabo o kopile gore batlhokomedi ba bana-le-bogole le bone ba thusiwe ka gore ba a ba tlhokomela mo e bileng ba sa kgone go itebaganya le dingwe dikgwetlho tse di ba lebanyeng. Fa itebaganya le banana ba ba filweng leruo ka lenananeo la banana, o kaile fa leruo le nyeleditswe ke leuba la monongwaga.

O boletse gape fa terata e e ageletseng tsela ya Trans-Kgalagadi e onetse mo leruo le gobeyang fela mo tseleng le bo le bake dikotsi. O ne a kopa puso go baakanya terata eo ka gore ba latlhegelwa ke matshelo a mantsi a batho le leruo. Fa akgela mokhanselara wa Ntsweng Bophirima, Rre Patrick Ralotsia, o ne a lebogela puso go bo e bone go le botlhokwa gore fologa ya setshaba ya go ipaakanyetsa ipelelo ya dingwaga tse di masome a matlhano go ya kwa ngwageng wa 2016 e pegwe pele mo Kanye, selo se a tlhalositseng se ba tlotlomaditse ele ba ga Ngwaketse.

Mo go tse dingwe, o kopile Batswana go tlhokomela dikarata tsa bone tsa Omang le go netefatsa gore di mo tirisong gore ba kgone go tlhopha mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba.

Rre Ralotsia o akgoletse puso gape go bo e thusitse ka go fokotsa ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo, a bolela fa leuba le ba apesitse kobo ka letshoba. O tsweletse gape a supa fa melemo ya go lwantsha mhero e balemi ba e fiwang ke puso mahala ele kgatelo pele mme a ba kopa go apara diaparo tse di sireletsang gore chefi eo e seka ya amana le mebele ya bone ka ele borai thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 11 Dec 2013