Breaking News

Mopalamente Arone o akgola barutabana

11 Dec 2013

Mopalamente wa Okavango Rre Bagalatia Arone o akgotse bagwebi ba kgaolo eo go bo ba tsweletse ka go tsenya letsogo mo ditirong tsa morafe. A re bontsi jwa ditiro tse di dirwang mo kgaolong di supa fa seabe sa bone se bonala, e bile go supagala fa tota ba lemoga fa banni ba aparetswe ke lehuma.

Mopalamente o buile jalo jaaka barutabana ba sekole se sebotlana sa Mohembo ba ne ba abela lelwapa la moithuti wa sekole seo ntlo ya dikamore tse pedi mme ba tlhalosa fa ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone ka thotloetso ya bagwebi, morafe le bodiredi jwa puso le makalana a a ikemetseng. Rre Arone o ne a leboga le bone barutabana go bo ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba goora Semobonde.

Moetedipele wa tiro eo, Mme Pauline Sehuhula, yo eleng mongwe wa barutabana ba sekole sa Mohembo, o supile fa ba dirile tiro eo ka mowa wa lorato. A re e re le ntswa tiro ya morutabana e le go fa ngwana thuto, ba tshwenyega gape ka botsogo le kgodiso ya bana kwa malwapeng ka ba lemoga fa bangwe ba baithuti ba na le letlhoko mo dilong di le dintsi tsa botshelo.

O ne a bua jalo a fa sekai ka ene moithuti yo, o a kaileng fa a ne a sa tsene sekole sentle, e bile nako tse a itherolotseng go tla, a tla sekolong ka paka e e leswe. A re ba ne ba ipha matsapa go etela ba lelwapa go sekaseka seemo.

Mme Sehuhula a re go gorogeng koo ba fitlhetse seemo se se ngomola pelo ka ba lelwapa leo ba ne ba sena le fa ba latsang tlhogo teng, le fa e le tsone dijo. A re moithuti o ne a supa fa ba tshelela mo tshotlegong le letlhoko le le maswe ka jaana a bona sefitlholo fela kwa sekoleng; seo se dire gore nako dingwe a kope boroko kwa ditsaleng.

Barutabana ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba dumalana ka bongwefela jwa pelo go kopa setsha kwa go ba kabo ditsha mme ba atlega; ke ka jalo ba feletseng ba aga ntlo eo.
E ne ya re a rola ntlo eo semmuso, tona wa dipagamo le ditlhaeletsanyo Rre Nonofo Molefhi a galaletsa barutabana go menagane. A re ba supile fa ruri lefatshe leno le tla fitlhelela toro ya lone ya tebelopele ya setshaba. A re ba supile fa tiro ya bone e se ya go amogana thuto le bana fela mme ba kgathala ka matshelo a bone a kwa gae.

Tona a re mo malobeng morafe o ne o itse gore matlo go sha mabapi e bile mabogo dinku a thebena, ka jalo a gwetlha Batswana ka kakaretso go itsaya motlhala le gone go busetsa mowa wa boipelego le letsema.  Rre Molefhi a re morafe o ka ipopa segongwana mme wa simolodisa motshelo go tsholetsana fa ba tlhaelang teng.

O ne a gwetlha batsadi go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana, a tlatsa ka gore seo se ka thusa gape go nonotsha botsalano jwa bone mo motseng.

A re go itumedisa go bona ba lemoga botlhokwa jwa go tsenya letsogo fa puso e tlhaelang teng ka jaana puso le yone e aparetswe ke letlhoko la madi. Mogolwane mo lephateng la thuto mo kgaolong ya Ngamiland, Rre Acronews Maseko, o ne a gwetlha dikole tse dingwe go tsaya malebela, a re ke selo se sentle se barutabana ba Mohembo ba se direleng le ntswa ba felela fela mo seatleng ka palo.

A re ba supile fa ba lemoga fa puso e tshwere ka thata, mme ka jalo ba ikana go diragatsa moono wa ga tautoana wa go fa Batswana ba ba tlhokang seriti, ka go ba agela fa ba ka latsang tlhogo teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Kabelo motlhoki

Date : 11 Dec 2013