Breaking News

Dikotsi di golela pele

10 Dec 2013

Dipalo di supa fa dintsho tsa batho ka bontsi di bakwa ke dikotsi tsa tsela.

Fa a bua kwa segopotsong sa go gopola bao ba ba tlhokafetseng le ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela, motshwarelela ramapodise a pharakano a kgaolo ya District No. 4, Assistant Superintendent Anastice Basima, o boletse fa go tlhoka go obamela melao le matshwao a tsela e le gone mo go bakang dikotsi mo ditseleng.

Assistant Superintendent Basima a re dipalo tsa dikotsi tsa tsela di golela pele, a tlatsa ka gore seemo seo se ba tshwentse fela thata e le ba sepodise. A re bangwe ba sa ntse ba kgona go tshwarwa ke mapodise ba sena diteseletso tsa go kgweetsa; se a tlhalositseng se le borai fela thata.

Le fa go ntse jalo, Assistant Superintendent Basima o ne a gakolola setshaba gore fa ba tsaya mesepele e meleele ba emelele nako e sa ntse e le teng, a tlhalosa fa bangwe ba bakgweetsi ba felela ba tsamaya ka lebelo le le kwa godimo gore ba tshware nako.

O ne gape a gakolola bakgweetsi go kgweetsa sentle, a bolela fa malatsi a botsalo jwa morena a setse a le gaufi; a ba gwetlha go emisa mokgwa wa go nwa bojalwa ba ntse ba kgweetsa le gone go dirisa megala ya letheka.

Assistant Superintendent Basima o ne a gakolola batsamaya ka dinao go dirisa tsela sentle le gone go kgabaganya tsela fa go tshwanetseng a tlhalosa fa le bone ba na le seabe mo go bakeng dikotsi tsa tsela. O ne a gakolola bapalami gore go ka fa molaong gore ba bue le mokgweetsi fa a sa kgweetse sentle a bolela fa bontsi jwa batho ba kgona go tsenya matshelo a bone mo diphatseng le ntswa ba bona gore mokgweetsi ga a kgweetse sentle.

Fa a tswa la gagwe mogolwane go tswa kwa lephateng la ipabalelo tseleng mo Lobatse, Mme Monica Pego, o ne a supa fa maikaelelo a segopotso seo e le go lemotsha setshaba ka kakaretso ka fa batho ba latlhegelwang ke matshelo ka teng.

Godimo ga moo, a re maikaelelo ke go lemotsha badirisi ba tsela ka bodiphatsa jwa go tlhoka go dirisa tsela sentle le gone go gopola bao ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya dikotsi tsa tsela. A re goromente o ne a tsaya tshwetso ka ngwaga wa 1990 gore letsatsi la bosupa la kgwedi ya Sedimonthole ngwaga le ngwaga e nne segopotso sa go gopola bao ba ba tlhokafetseng le ba ba amilweng ke dikotsi mme a tlhalosa fa le bone ba bone go le maleba go dira jalo.

E rile a fa malebo, mopalamente wa toropo ya Lobatse, Rre Nehemiah Modubule, a re letsatsi leo ke le le botlhoko ka go bo go gopolwa bao ba ba tlhokafetseng, mme le fa go ntse jalo, o ne a leboga barulaganyi ba segopotso seo fela thata.

Rre Modubule o tlhalositse fa ba dirile tiro e ntle ya go tla go gasa molaetsa. A re le ntswa go dirilwe maiteko a go kopanya batho go tla go ba ruta le go ba lemotsha ka matshelo a bone mo ditseleng, o swabisitswe segolo bogolo ke tsone dipalo tse di neng di le boutsana tsa bakgweetsi, go tla go itseela ka tsebe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : LOBATSE

Event : Tsatsi la segopotso sa ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela

Date : 10 Dec 2013