Seemo sa dikoloi tsa mogobagoba se bifela pele
10 Dec 2013
Seemo sa dikoloi tsa mogobagoba mo motseng wa Nata se bifela pele mo le tikologo e sa tlholeng e lebega.
Se se buile ke Kgosi Rebagamang Rancholo mo potsolotsong le BOPA, a kaya fa tikologo e sa lebege sentle ntateng ya dikoloi tseo. A re motse wa Nata ke boremelelo jwa bojanala ka bajanala ba dirisa tsela eo thata go ralala ba fetela kwa makgadikgading. A re ba nnile le bokopano le Lephata la Ditsela kgwedi e e fetileng e tlhola malatsi a le lesome le bobedi, go bona gore ba ka tsibogela seemo seo jang.
A re ba dumalane le ba lephata leo gore ba beye matshwao a a tla supang fa dikoloi di sa letlelelwe go ema fa mafelong a go kaiwang di ema mo go one thata. Kgosi Rancholo a re dikoloi tseo tsa megobagoba di kgotletse tikologo fela thata mo e bile motse o setseng o tletse matlakala gongwe le gongwe fa di emang teng, a supa fa di kgotlhela lefatshe ka di tsholola le diole. Kgosi a re go ka nna bonolo fa matshwao a go nna jalo a ka bewa ka le one mapodise a ka kgona go atlhola bakgweetsi ba dikoloi tseo fa ba ba tshwara ba eme fa go sa letlelelweng teng.
Kgosi Rancholo a re dikoloi tseo di rwala dilwana tse di botlhokwa tse dingwe di le borai mo di ka amang matshelo a batho. A re go borai gape ka bangwe ba bakgweetsi ba tsone ba apeela ka fa tlase ga tsone; a bua jalo a fa sekai ka nngwe ya tsone e e kileng ya sha ya ba ya lora gone mo motseng oo ngogola.
O ne a supa fa dikoloi tseo di dirilwe ka mokgwa o o faphegileng, mo di nang le malao mo teng a gore fa motho a lapile a bo a ka kgona go thuba kobo segole gongwe le gongwe mo tseleng; e seng fela kwa motseng wa Nata.
A re selo se se tsenya dikgotlhang mo motseng, a tlatsa ka gore bangwe basetsana ba bonwa masigo ba kokota mo matlhabaphefong a tsone, mme fa ba alolwa ba nna bogale thata mo ba tlhapaolang. Kgosi Racholo a re dingwe di kgona go goroga ka nako ya borobabongwe bosigo, se se supang fa nako ya gore di ka bo di tsamaya e fetile di sa le tseleng; mme jaanong se se supe fa e abo e le maikaelelo a mokgwetsi go tla go ema kwa Nata, ka gona le se a itseng a se ela.
Le fa go ntse jalo, Kgosi a re ba thusana le mapodise a Dukwi le a Sowa, e bile ba setse ba simolotse go laola metsamo ya tsone bogolo jang bosigo. A re ba ya go nna le bokopa jo bongwe gape kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bobedi mabapi le dikoloi tseo tsa mogobagoba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 10 Dec 2013






