Breaking News

Tiego ya go gokela ofisi motlakase e tshwenya kgosi

10 Dec 2013

Kgosi ya motse wa Gakuto mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba, Kgosi Abdul Letlamma, a re le mororo a itumelela maiteko a puso a go tsisa ditlhabololo mo motseng wa gagwe, o sebete se molangwana ka tiego ya go gokela ofisi ya kgotla motlakase.

Kgosi Letlamma o supile fa itumelela maiteko a puso a go tsisa ditlamelo ga mmogo le ditlhabololo mo motseng oo.

A re motse wa Gakuto o setse o godile ka jalo o tlhoka go gokelwa motlakase. O kaile fa ditlamelo di tshwana sekole, kokelwana ga mmogo le diofisi tsa maphata a puso, mo go tsone go le ofisi ya ga molemisi, le ya lekgotla la Setswana, di le teng mo motseng. A re le ntswa ditlhabololo di tla ka bonya mo motseng, go supega fa puso e sa ba lebala.

O ne gape a bolela fa a itumelela seabe sa badirelapuso a supa fa gangwe le gape ba tsaya matsapa go etela motse mme ba nne le sebaka sa go buisana le morafe ka dikgang tse di ba amang. O tsweletse a tlhalosa fa gape a itumelela mowa o montle oo supiwang ke baithaopi ba ba agelang batlhoki matlo.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Letlamma o supile fa a sa itumedisiwe ke seemo sa ditsela mo motseng wa gagwe. A re seemo sa ditsela mo motseng ga se nametse gotlhelele; a supa fa motshine oo gopang tsela o tshabelelwa ke go senyega o ise o gope ditsela tsotlhe mo motseng. Mo go tse dingwe kgosi o tlhalositse fa banni ba motse wa gagwe ba sa ipone tsapa go tsenelela mananeo a nyeletso lehuma go inamola le gone go tokafatsa matshelo a bone.

A re mme sebe sa phiri ke letlhoko la metsi ka bontsi jwa ditshingwana tsa merogo di sa dire sentle. O ne gape a lela ka go tlhoka go atlega ga banana mo mananeong a puso jaaka la banana la Youth Development Fund. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 10 Dec 2013