Borre ba Balete ithotlhora bosimane
10 Dec 2013
E rile bosheng motse wa Otse wa bo o rumaruma ka boitumelo jaaka baagi ba motse oo ba ba saleng ba nna mmogo ba sa nyalana ba ne ba tsena mo nyalong e e boitshepo.
Moletlo o, o ne o phuthile banni ba motse oo kwa kgotleng go tla go iponela ka matlho jaaka malwapa a le supa a ne a golagana ka fa molaong, morago ga go fiwa molao wa lenyalo. Fa a ba ema ka lefoko kgosi ya motse o, Kgosi Mothusi Tsetse, o ne a supa fa go tshwenya go bona bana ka bontsi ba dirisa difane tse di farologanang le tsa batsadi ba bone.
O kaile fa se se bakiwa ke gore batsadi ga ba nyalane; a supa fa e bile go tsala tlhakatlhakano, ka go sa itshupe mo maineng a ngwana gore batsadi ba gagwe ke bo mang.
Kgosi a re ba itemogetse gape gore ka nako ya leso, batho ba tseelwa dithoto le matlo, tse ba di kgobokantseng ka bothata fa ba nna mmogo ba sa nyalana. A re seemo se se ne sa ba gwetlha go dira maiteko a go nyadisa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.
Kgosi Tsetse o boletse fa ka ngwaga wa 2011, ba ile ba tlhopha batho ba ba nnang mmogo ba le lesome le boraro go simolola tiro e, mme a kaya fa ba kgonne go nyadisa ba le supa fela ka ba bangwe ba ne ba sa tsamaisa merero sentle.
O ne a supa tsholofelo ya gore ba ba saletseng kwa morago ba tla ipaakanya mme le bone ba golaganngwe mo nyalong. O ne gape a akgola ba ofisi ya ga molaodi le bagolo ba motse go akaretsa Rre Seabelo Tlhaselo, yo o ntshitseng madi a a kanang ka P1600 e le seabe sa gagwe mo tirong eo. Mothusa molaodi wa kgaolo ya Borwa Botlhaba Borwa, Mme Angelina Leano, o ne a gakolola banyalani fa dithoto tsa lenyalo di ilelwa ka jaana di kgona go tsisa kgotlhang fa gare ga banyalani.
O kopile banyalani go dumalana pele, ka bongwefela jwa pelo fa go na le sengwe sa dithoto se ba batlang go se aba kana go se rekisa, go tila dikgotlhang fa gare ga bone. O ne a ba tlhagisa go itse fa masika e le a bone botlhe ka jalo ba tsewe ka tekatekanyo, a tlatsa ka gore dithulaganyo tsa lelwapa di simologe kwa tlhogong ya lelwapa.
A re o buisiwa se ke gore bomme ba na le go rata ba kwa ba tsalwang teng mme ba itlhokomolose masika a kwa ba tserweng teng. Mongwe wa banyadiwa, Mme Theresa Sejeso, o ne a re o itumedisiwa ke go bo a kgonne go tsena mo nyalong le mokapelo wa gagwe. A re o ne a ntse a sa jesiwe diwelang ke dikakanyo tsa gore fa rre wa gagwe a ka hulara ba ga gabo ba ka tla go mo tsaya mo go ene ka gore ba ntse ba sa nyalana. E ntse ele kwa moletlong oo, Kgosi Tsetse o ne a fa banyalani mpho ya dikerese tsa setshwantsho sa pelo; e le sesupo sa lerato le le tukelang ruri. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesego Lelokwane
Location : RAMOTSWA
Event : Letsatsi la manyalo
Date : 10 Dec 2013






