Breaking News

Lorato ke lone pheko

09 Dec 2013

Lorato le kemonokeng ke molemo mo go ba ba amilweng ke mogare wa HIV. Dilo tsa go nna jaana di ka tsisa lesedi, tsholofelo le go ikamogela, mme ba ba amegileng ba tsoge botoka.

Se se boletswe ke mogolwane wa lephata la botsogo mo kgaolong ya Letlhakeng, Dr Terrence Mokuhwa, mo segopotsong sa mafatshefatshe sa bolwetse jwa AIDS, kwa Ditshegwane. Dr Mokuhwa a re dipilisi tsa diritibatsi di le nosi ga di kake tsa kgona, mme e bile fa e le gore fa motho a tshela ka tsone go tsewa gore ke gone ke gone, thuto e sa ntse e tlhaela fela thata mo Batswaneng.

O bolela fa lorato le kemonokeng go tswa mo bathong ka bongwe ka bongwe e le tsone mmangmang. A re go sa ntse go itshupa fa Batswana ba tletse kgethololo mo go ba ba tsayang diritibatsi tsa mogare wa HIV, mo go feletsang go baka gore ba ba kgethololwang ba di tlogele mme ba lebaganwe ke leso mo nakong e khutshwane.

O ne a kopa gore go emisiwe kgethololo mo bathong ba ba tshelang ka mogare ka go ka ba itsa go ikamogela mo seemong se ba mo go sone, mmogo le gone go tsaya dikgato tse di maleba tsa go tsena mo lenaneong la diritibatsi le go itse fa go sa ntse go na le botshelo jo bo leele le fa motho a tshela ka mogare. Dr Mokuhwa a re go kgethololwa gape go tsisa ditlamorago tse di seng molemo ka jaana go dira ba ba kgethololwang gore ba ikobonye mme ba ikgogele morago mo go batleng kitso ba phuthologile mo go ba botsogo.

Seemo se felela se folodisa maiteko a puso a go lwantsha kanamo ya mogare mo setshabeng. A re kgang e nngwe e e utlwisang botlhoko e bile e ama ke ya gore le ntswa melaetsa le dithuto ka bolwetse jo di tsweletse ka go gasiwa mo Batswaneng, lephata la botsogo le sa ntse le na le dikgang tse disha tsa batho ba ba tsenwang ke mogare wa HIV ka selekanyo sa 3.45%, mo jaanong e leng matshosetsi mo maitekong a go emisa kanamo le go tsenwa ke megare e mesha ga batho.

Fa a ntsha maikaelelo a letsatsi leo, modiri go tswa mo ofising ya molomaganyi wa mananeo a twantsho kanamo ya mogare wa HIV mo kgaolong ya Letlhakeng, Mme Masego Ogaketse, o boletse fa moono mogolo wa letsatsi le e le go tla go tsibosa setshaba ka dikgang di le mmalwa tse di itebagantseng le bolwetse jwa AIDS. A re maikaelelo ke go tla go tsibosa setshaba fa bolwetse jwa AIDS bo sa ntse bo le teng, e bile bo gaketse; go tla go tsibosa setshaba fa kgethololo mo go ba ba amilweng ke mogare e le mmaba; go tla go tsibosa ka mananeo a a teng a a itebagantseng le go thibela kanamo ya mogare mmogo le gone go tla go gopola ba ba tlhokafetseng ntateng ya bolwetse jwa AIDS. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lillian Peloentle

Location : LETLHAKENG

Event : Segopotso sa letsatsi la mafatshe-fatshe sa bolwetse jwa AIDS

Date : 09 Dec 2013