Breaking News

Bana ba tshwanetse go tlhokomela batsadi

09 Dec 2013

Go fiwa lorato ga batsadi, tlhokomelo, le go bona gore ba ja sentle, ke tsone dilo tsa botlhokwa mo botsogong jwa bone.

Se se builwe ke mogolwane wa skokelo ya Deborah Retief Memorial kwa Mochudi, Mme Lebekwa, kwa Ramonaka, mo moletlong o o neng o diretswe bagodi ke khamphani ya Johnson Crane Hire, ka Matlhatso. Mme Lebekwa a re bana ba tshwanetse ba itse gore ba se ba leng sone ka batsadi, ba ba ba godisitseng ka lorato, e bile ba ba tsenya sekole ka tshokolo.

A re se bana ba ka se dirang go leboga bagolo ke go ba naya lorato, jaaka Johnson Crane Hire e setse e supile lorato mo batsading ba Ramonaka. Mme Lebekwa a re tiro eo, e e neng e tshwerwe ka setlhogo se se reng Bagolo ba Rona, Katlego ya Rona, se maleba ka jaana ba lebogela tiro e ba e dirileng go aga Botswana. O ne a rotloetsa bana go rata bagolo ka seo se ba naya boitumelo, e bile ba kgona go lemoga ba ba ka buang le bone fa ba na le mathata.

Mme Lebekwa o ne a tlatsa ka go re bagolo b ana le dikitso ka go rarabolola mathata a botshelo, ka jalo, motho o ka kopa dithuso mo go bone fa mpuru a faretswe. O ne a kopa bana gape gore ba rekele batsadi ba bone diaparo gore ba lebege fa ba ya medirong. A re fa ngwana a tlotla batsadi ba gagwe, ke ditshegofatso ka bo gone, ka o a bo a ikokeletsa malatsi a botshelo; fela jaaka Modimo a laotse mo dikwalong tse di boitshepo.

Moemedi wa Johnson Crane Hire, Rre Jerry Matshusa, a re ba bone go tshwanela gore ba nne karolo ya go itumedisa batsadi ba Ramonaka. A re se ke tsela nngwe ya khamphani ya bone go leboga Batswana, ka gore e fa e leng teng ka thotloetso ya bone. Rre Matshusa a re ba ne ba eletsa gore ba nee bagolo lorato ka go ba direla dijo tsa motshegare jaaka kgwedi eno e le ya go itumelela botsalo jwa Morena.

Mme Pinkie Mokgatlhane, yo o eteletseng pele komiti ya bagolo, a re ba ne ba batla bagolo ba kopana mme ba tlhole mmogo ka go se motlhofo gore ba ka etelana, ntateng ya bogodi. Mme Mokgatlhane a re o ikaeletse gore tiro ya mofuta o e tswelele le ngwaga o o tlang, mme a re o lebogela Johnson Crane Hire go ba tswa thuso go leboga batsadi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Moletlo wa bagodi

Date : 09 Dec 2013