Breaking News

Maphata a puso a abela lelwapa dimpho

09 Dec 2013

Mme Maipelo Samarabi le ba lelwapa la gagwe ba amogetse keresemose pele ga nako, jaaka maphata a Bajebareki (Consumer Affairs), la Dikitsiso (Information Services) le la Kgaso (Broadcasting Services)  ba ne ba ba abela dijo, melora le diaparo, ka Labotlhano Sedimonthole a tlhola malatsi a marataro kwa Selokolela, mo kgaolong ya Borwa.

Kgosi ya motse oo, Rre Koorapetse Legabala, a re maphata a a diragaditse yone toro ya ga tautona, ya go namola bao ba kobodimagetleng; mme a boa a rotloetsa gape le Batswana go ipelega. Rre Legabala a re maphata a mararo ao a puso a bone go tshwanela gore ba supe bopelotlhomogi ka go ithaopela go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego mo setshabeng.

O bile a kgothatsa dikomiti tsa motse wa Selokolela gore le bone ba tseye malebela, ka go twe, “dilo makwati…”, le bone ba ithaope, ba bone mongwe yo o tlhokileng lesego, yo ba ka mo tswang thuso. Rre Legabala a re banni ba Selokolela ba seka ba nna bo atlarelang fela, le bone ba ntshe dithuso ka fa ba ka kgonang ka teng; le gone go tlhokomela le go lebogela dithuso fa motho a dulwe matshidiso.

Fa a buwa ka maikaelelo a letsatsi leo, moemedi wa komiti ya botsogo ya maphata a mararo a, Rre Topo Monngakgotla, o ne a supa fa ba tswa kwa komiting ya botsogo e e bopilweng ka maphata a mararo e bong la Baje-bareki, Dikitsiso le la Kgaso. Rre Monngakgotla a re kwa maphateng a ba bua ka botsogo. A re mme ba ne ba seka ba iteba ba le bosi, a re ba ne ba bona go le botlhokwa go batla mongwe yo o tlhokileng lesego yo ba ka mo thusang.

O boletse fa ba ne ba ntsha P100.00 mongwe le mongwe wa bone, mme ba simolola fela ka go rulela ntlo ya ga Mme Samarabi, mme ka mo go neng go setse ba rekela bana diaparo le dijo. A re ntle le seo, moono o mongwe wa bone e ne e le go aba diaparo tse dikgologolo mongwe le mongwe wa bone. Rre Monngakgotla a re ba itse gore ga go a lekana, mme gone, “sejo sennye ga se fete molomo”.

O bile a re ba dirile se ba gopotse mafoko a ga tautona a gore badirelapuso ba seka ba iteba ba le bosi mme ba gopole setshaba se ba se direlang, ka go se thusa ka tsela tsotlhe. A re gape ba getlhilwe ke letshego la tebelopele ya setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgatala ka batho ba yone.
Mme Maipelo Samarabi, ene a re o lebogile fela thata, ka e bile bana ba gagwe le bone ba tlhoka tse ba ka di aparang jaaka bana ba bangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Kabelo motlhoki

Date : 09 Dec 2013