Rutang bana-le-bogole
09 Dec 2013
Mokwaledi kwa ofising ya mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Ookame Modikwa, o kopile maphata a a lebanyeng go ruta bana-le-bogole ka mananeo le dithuso tse puso e di ba diretseng.
A re puso e dirile mananeo a le mantsi a a itebagantseng le bana-le-bogole, ka jalo, ba tshwanetse go a tsenelela ka bontsi go itshetsa. Rre Modikwa o ne a bua jalo kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshe la bana-le-bogole kwa motseng wa Seolwane bosheng.
A re puso e leka ka bojotlhe go rotloetsa bana-le-bogole, mme fela ka fa bangwe ba akanyang kana ba dirang ka teng go tla folodisa maiteko ao.
A re ope yo o tshelang ka bogole o tshwanetse go itsiwe, e seng gore a bo a fitlhiwa; gore a tle a bone thuso jaaka mongwe le mongwe fa a e tlhoka. Mokwaledi kwa ofising ya ga mopalamente o kopile setshaba go emisa mokgwa wa go fitlha bana-le-bogole ka kwa morago ga matlo le kwa masimo.
A re bana-le-bogole ba na le ditshwanelo fela jaaka batho botlhe. Rre Modikwa a re bana-le-bogole ga ba a tshwanelwa go kgokgontshiwa mme ba tshwanetse go sirelediwa le go fiwa lerato le tlhokomelo e e tseneletseng.
Ka jalo, o ne a kopa batsadi le ba masika, ba ba nnang le bana baba amilweng ke bogole bope go ba isa dikoleng gore ba ithute botsipa jwa go itshetsa. Ntlheng e nngwe, o ne a kopa bana-le-bogole go se ipone tsapa go ka bua ka mathata a a ba lebaganeng le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
Modulasetilo wa bana-le-bogole kwa motseng wa Seolwane, Mme Keleapere Gaontebale, o ne a galaletsa puso ka mananeo a e a dirileng go rotloetsa bana-le-bogole. A re metlha ga se ya maloba e bana-le-bogole ba neng ba sa akarediwe mo mananeong ape. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Segopotso sa letsatsi la mafatshe-fatshe la bana-le-bogole
Date : 09 Dec 2013






