Banana ba ikgatholosa ditlhopo
09 Dec 2013
Le fa banana e le bone ba dirang dipalo tse dintsi tsa batlhophi, go supega fa ba ikgatholosa go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba le diphathi ka bontsi.
Mookamedi wa lekgotla le le itebagantseng le go rotloetsa banana go tsibogela go tlhopha, la Organisation for Youth and Elections in Botswana (OYEBO), Rre Bernard Bogosi, o tlhalositse se fa a bua le manotonyana a banana ba na neng ba tsile pitsong ya lekgotla leo ka Matlhatso mo Ramotswa. Rre Bogosi a re se ke sekao se se papametseng, se se supang fa banana ba ikgatholosa tsamaiso ya puso ya batho ka batho, e e nontshiwang ke go bona bontsi bo tsaya karolo.
O ne a supa gape fa go nyemisa moko go bona manoto a banana ba tsaya karolo mo ditlhophong tsa diphathi tsa sepolotiki ka go farologana. A re se se teng gape kwa makgotleng a ditlhabololo tsa metse, a Village Development Committee, ka jaana go se bonolo go bona banana ba inakantse le one. Rre Bogosi a re tshwetso e ya go sa tseyeng karolo ga banana, go ba baya ka fa mosing go itse mananeo a ditlhabololo a a ba amang.
O ne a tlatsa ka gore go botlhokwa thata gore banana ba tsalane le baemedi ba bone ba sepolotiki. Ka jalo, o tlhalositse fa ele maikaeleleo a OYEBO go epa banana ka methale e e farologanyeng gore ba kgatlhegele ditlhopho tsa setshaba.
Mo ngwageng o tlang, lekgotla leo le tla tsaya loeto go ralala lefatshe leno le buisanya le banana ba dikole tse dikgolwane go ba ruta ka tlhopho.
Le fa go ntse jalo, o kaile fa ba tlhaelelwa ke madi a go dira mananeo a bone, mme a supa fa ba solofetse fa puso e tla ba tswa thuso.
Fa a akgela, mokhanselara Molemi Rakgomo wa kgaolo ya Ramotswa Legare, o ne a tlhagisa lekgotla leo go tlhalefela mapolotiki, a kaya fa bangwe ba ka tloga ba inaakanya le lone go ba senyetsa moono. A re fa lekgotla la OYEBO le ka amogela dithuso go tswa diphathing tsa sepolotiki, le ka tloga la lebega ele la pathi e e rileng mme banana bangwe ba felele ba le tlhoboga.
Mokhanselara Rakgomo o ne gape a lela ka banana a re ga ba tsene diphuthego. A re go makgetho a le mmalwa mopalamente wa kgaolo ya Borwa Botlhaba Borwa, Rre Odirile Motlhale, a tsamaya a buisa dipthuthego tse banana ba sa di tseneleleng. A re dingwe tsa tsone di tsenela kwa dikgotlaneng fa tse dingwe di tsena ka matlhatso; mme seemo sa go nna teng ga banana ga se fetoge.
Ka jalo, o ne a kopa banana go ikemela ka dinao go supa fa ba kgathala ka tse di ba amang. Fa ba akgela, batsena phuthego ba ne ba supa fa ele nnete banana ba sa bonale e bile ba sa utlwale tota fa go tla mo dikgannyeng tsa sepolotiki ntswa ba le bantsi ka palo mo lefatsheng leno. Potso a bo e nna gore, ke eng banana ba sa kgathale mo go kalo. Bontsi jwa bone ba ne ba ikepela mo goreng, se se dirwa ke gore mapolotiki a ba itse fela ka ngwaga wa ditlhopho, mme go tsweng foo, ba ba phuaganye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonang Masolotate
Location : RAMOTSWA
Event : Pitso ya lekgotla le le rotloetsang tlhopo
Date : 09 Dec 2013






